Breaking News

Lephata le abelana dithuto

22 Feb 2015

Ba lephata la pereko le selegae e ne ya re bosheng ba tshwara letsatsi la go rutuntsha ba bereki ka tse di amang mogare wa HIV le ka fa ba tshwanetseng go itshwara le go tshwara ba ba amegileng ka teng. 

E rile a amogela ba baneng tseneletse moletlo mookamedi wa lephata la pereko le selegae mo Selebi Phikwe Rre Mothusi Komane a tlhalosa gore mogare wa HIV o ko godimo mo toropong ya Selebi Phikwe mo go tlhokang gore Batswana ba fetole boitshwaro. 

O tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS bo gapa badiri mo ditirong ka go farologana mo ba boneng go le maleba go dira thulaganyo ya go laletsa bana le seabe go tla go tlhatlhelela badiri ba lephata la bone ka tse di amang bolwetse jwa AIDS.

Rre Komane o tlhalositse fa bangwe ba santse bana le bothata jwa go ikamogela go re battle ba tswele mo pontsheng gore ba tle ba bone dithuso tsa bongaka. 

O kopile ba lephata la selegae le pereko go phuthologa fa ba bua ka tse di amang bolwetse jwa AIDS le go ne go amogela ba ba amegileng go re le bone battle ba ikamogele. 

Erile a ema badiri, modiri go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills mo Selebi Phikwe rre Othusitse Katlholo a tlhalosa gore o itumetse thata go bo ba bone go le maleba go rulaganya thuto –seka-dipuisano ya go nna jaana ka go supafetse fa go le ga ntsi dikgang tsa kgethololo di utlwala thata mo ditirong. 

Rre Katlholo o tlhalositse fa diemo di tshwana le lehuma le tumelo ya Setswana e Batswana ba nang nayo ya gore monna ke selepe e le tsone di rotloetsang kanamo ya bolwetse jwa AIDS. 

O kgotlhaditse batsena thuto-seka-dipuisano go itekanya merwalo jaaka go fokotsa dikoloto ka le tsone di ka dira gore motho a bo a ka nna le bakapelo ba feta bongwe e le go leka go thiba letlhoko le motho a tlaabo a nanalo.

Rre Katlholo o supile go re kgodiso ya ngwana le yone e kanna le seabe mo go anamiseng mogare wa HIV, a re bana ba tshwanetse go rutwa go ikemela ka bonosi , a tlhalosa gore ngwana wa mosetsana o tshwanetse go rutwa ditiro tse di farologaneng di tshwana go phatsa dikgong gore e re kamoso a kgone go itirela go tshwana fela le ngwana wa mosimane o tshwanetse go rutwa ditiro tse di dirwang ke ngwana wa mosetsana.

A tswelelela ka go tlhalosa fa ngwana a ithuta thata mo go tse a di boneng ka matlho go na le tse a di utlwang ka jalo batsadi ba tshwanetse go itshwara sentle fa pele ga bana. 

Mogakolodi go tswa kwa mokgatlhong wa Silence Kills mme Charity Manyepedza o tlhalositse fa dipatlisiso di supa fa go santse go na le kgethololo mo di ofising ka bophara. 

A re batho ba santse ba na le go anamisa seemo sa ba bangwe mo ditirong mme a tlhalosa gore ga go letelesege mo motho a ka tseelwang dikgato tse di maleba. Mme Manyepedza o gakolotse badiri go phuthologa go itekodisa bagolwane ba bone mo tirong gore motho wa go nna jalo a tle a kgone go gololesega fa a tshwanetse go ya go bona ba bongaka. 

O gakolotse badiri ba lephata la pereko fa Silence Kills e le leloko la mokgatlho wa BONELA ka jalo fa mongwe a sa tseega sentle kana seemo sa gagwe sa mogare se tsuulotswe o ka kgona go itshwaraganya le bone gore motho wa go nna jalo a tle a tseelwe dikgato tse di maleba.

Thuto-seka-dipuisano e ne e tshwaretswe kwa di ofising tsa pereko le selegae kwa go neng go laleditswe maphata a tshwana le la botsogo go tla go ruta badiri ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng fa ba amilwe ke bolwetse jwaAIDS. 

Mooki go tswa kwa sepateleng se segolwane sa Selebi Phikwe mme Ndapiwa Ngewa o tlhalositse fa bolwetse jwa AIDS boilelwa jaaka motsetse. 

Mme Ngewa o tlhalositse fa e le ba bongaka ba rotloetsa molwetse yo o setseng a simolotse go nwa diritibatsi tsa mogare wa HIV go ikgapha mo nno taging le go ne go dirisa dikauso ka nako ya tlhakanelo dikobo. 

O tlhalositse gore fa motho a setse a simolotse go tsaa diritibatsi ga a tshwanela go di tlogela kana go ditlodisa ka gope.Mme Ngewa o tlhalositse gore pele fa ba neela molwetse dipilisi ba moruta ka ditlamorago tsa kalafi ya tsone. BOPA

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : SELIBE PHIKWE

Event : Letsatsi la go rutuntsha babereki ka mogare wa HIV

Date : 22 Feb 2015