Breaking News

Mechova e tsositse kgaruru

22 Feb 2015

Borra dipalamo tsa setshaba (taxi) ba motse wa Tutume ba ngongorega ka boradikolo bangwe ba ba pegang sechaba ba sena diteseletso.

Go ya ka rre Tshephang Mangena, mongwe wa bakgweetsi ba dipalamo tsa sechaba, go fudusiwa ga bone go tswa ga marekisetso a Spar le Choppies go santse go baakangwa lefelo leo ke gone go dirileng gore bakgweetsi ba ba senang diteseletso tsa go ka pega batho ba ba tseele bapalame.

O tlhalositse gore bapagame ba re (ditaxi) di fudugetse kgakala ka jalo fa ba rwele dilwana tse di bokete ba felela ba palama dipalamo tse di gaufi.

Rre Mangena o tsweletse ka go re, fa godimo ga tlolo molao eo, bone bapegi ba ba senang diteseletso bao, ba pega motho a le nosi(special ) go na le gore ba duedise batho madi a ka fa molaong a P21 ba ba duedisa P30, ba neela maabaka a gore batho bangwe ba rwele bokete kgotsa ba nna kgakala kwa go senang ditsela tse di siameng teng.

Rre Mangena a re gape go na le bo rra dibase ba e reng ba tsena mo Tutume ba tswa Francistown ba bo ba simolola go bega mme golo moo le gone go ama kgwebo ya bone.

Erile a ntsha la gagwe rre Bayapo Gobe mokgweetsi wa dipalamo tsa sechaba, a tlhalosa gore bakgweetsi ba ba dirang jalo ba diga kgwebo ya bone ka gore bone ba felela ba ntse fela mo meriting go sena le fa e le motho a le mongwe fela yo o tla go palama mo go bone.

A re ba lekile go itsisi mapodisi le lephata la dipalamo le ditleseletso mme ga go nko e tswang lemina.

O ne a tlhalosa gape gore kgang e e thata ka gore ga go motlhofo gore o ka itse gore a motho o pega batho a ba duedisa kgotsa ya bo e le ba masika kgotsa ditsala mme ebile go batla gore go nne le tirisanyo mmogo magareng ga mapodi le ba laphata la ditsela gore ba kgone ba fedisa tlolo molao eo.

Mo potsolotsong le BOPA rre Tshireletso Motswiri wa lephata la dipalamo le ditlhaelatsano o boletse fa ba ntse ba sa itse ka selelo se sa bagwebi ba dipalamo tsa sechaba, o tlholositse gore bone ba itse fela ka bo rra dibase ba ba renka fa ba le mo tutume ba tswa kwa Francistown.

Rre Motswiri o ne a feleletsa ka go re bone ba itebagantse thata le dipagamo tsa sechaba ka jalo dithata tsa bone di felela mo go bone, ga gona gore ba ka tseela batho ba ba pegang batho ba sena teseletso dikgato jang, se se ka dirwang ke gore bakweetsi ba dipalamo tsa sechaba ba itsisi ba sepodise fa go dirafala jalo ka gore ba sepodise ke bone ba ba nang le dithata tsa go ka batseela dikgato tse di maleba. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Itumeleng Nkoga

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 22 Feb 2015