Breaking News

Speel nog e abela bagodi le bana-le-bogole

22 Feb 2015

Erile bosheng setlhopa sa mmino wa Polka sa Bokspits se se itsegeng ka leina la Speel nog sa rulaganya moletlo wa dijo o ba neng ba abela bagodi le banalebogole dimpho.

E re ka mogologolo a rile tlhako ya morago e gata fa ya pele e gatileng teng, moeteledipele wa setlhopa se mme Lys Van staden a re setlhopa sa gagwe se gwetlhwile go dira tiro e ke mowa wa kutlwelobotlhoko wa ga Tautona wa go abela ba ba tlhokileng lesego le bagodi.

O kaile gape fa ba ne ba bona ba tshwanelwa ke go dira moletlo o gore ba supegetse bagodi gore ba lebogela kitso ya mmino wa Polka e ba e ba anyisitseng,a re ke ka thuso ya bone e ba kgonneng go tuma mo lefatsheng le ngwao ya bone ya itsege.

Godimo ga moo Van staden o supile fa ba santse ba tlhoka dithuto go tswa mo bagolong bogolo jang ka mebino e mengwe ya ngwao ya Secoloured ebong blooze,point,los step,four steps,lang arem,stap le waltz.

A re gape gape maikaelelo a mangwe a moletlo o e ne e le go supegetsa banalebogole lorato le gore ke karolo ya morafe wa bone ebile ba fa ba leng teng ka dithapelo,dikgakololo le lorato lwa bone.

Mme Van staden o tlhalositse fa ba ne ba dirisa madi a ba a gapileng ka dikgaisano tsa ga tautona tsa mmino,bodiragatsi le moopelo go reka dimpho le dijo tse di lopileng P5000.00.

Mongwe le mongwe wa bagodi le banalebogole o ne a fiwa dijana tse di jelang.

Rre Andries Lehume,mongwe wa bagodi ba ba abetsweng dimpho o ne a leboga setlhopa sa Speel nog ka dimpho tse ba di ba abetseng, a re ga nkitla ba lebala tiro e ntle e ba e dirileng e e supang fa ba kgathala ebile ba lemoga bolengteng le mosola wa banalebogole le bagolo mo motseng wa bone .

O ne a eleletsa setlhopa sa speel nog go gola le go fenya mo dikgaisanong.Lehume o ne a tswelela a gakolola setlhopa se go bina mmino wa Polka jaaka ba o rutilwe ke borramogolo ba bone, a kaya fa se se ka tshegetsa ngwao le ditso tsa bone gore di seka tsa nyelela.

O ne gape a ba kopa gore le fa diemo di ka nna jang ba seka ba letlelela gore di ba kgaoganye, a tlhalosa fa kopano ele maatla.

Mohumagadi wa Kgosi ya Bokspits mme Annah Esterhuizen yo eleng mongwe wa ba ba simolodisitseng setlhopa sa speel nog ka ngwaga 2010 a simologa,o ne a tlhalosa leina la setlhopa se le le biditsweng ka puo ya Afrikaans le reela gore letsa gape.

Mme Esterhuizen a re leina le o le tshwantsanya le go dira le go leka gape,ka jalo o gakolotse setlhaopa se go tswelela se dira maiteko a go supa mowa wa kutlwelobotlhoko gape se tswelele se iteke mo dikgaisanong tse eleng gore fa se sale se di tsenelela se tsere maemo a bone fa ba simolola go tsweng foo ba ne ba tsaya maemo a boraro makgetho a le mararo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : BOKSPITS

Event : Moletlo wa kabo dimpho

Date : 22 Feb 2015