Seabe sa batsadi le barutabana se botlhokwa
22 Feb 2015
Batsadi le barutabana ba gwetlhiwa go nna seopo sengwe mme ba eme ka dinao kgatlhanong le tiriso ya dinotagi le diritibatsi ga bana ka di na le ditlamorago tse di garolang pelo mo matshelong a bone.
Fa a bua mo potsolotsong le lekalana la bobegadikgang la BOPA mo Tsabong bosheng, morutuntshi wa banana (Peer Educator) mo sepateleng sa Tsabong (Tsabong Primary Hospital), Rre Jacob Mokeresete o boletse fa go tswa goo lowe, batsadi ba lebaganwe ke kgwetlho ya go sireletsa bana ba bone mo diphatseng tsa botshelo mme gape ba batla bana ba gololesega go ikakanyetsa mo matshelong a bone.
O boletse fa nngwe ya dikgwetlho tse batsadi ba lebaganyeng le yone ke tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi ga banana. Are batsadi,dikole le makgotla a mangwe ba dira go le gontsi go thibela tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi mo bananeng ka go bua le bone.
Mokeresete are le fa go ntse jalo,go bua go le nosi ga go a lekana mme bana ba tlhokana le botsipa kgotsa bokgoni le kgothatso ya go tsaya ditshwetso tse di siameng.
O boletse fa tiriso ya ditagi kgotsa bojalwa phetelela mo bananeng e na le ditlamorago tse di tshwenyang batsadi, jaaka boimana,go sa dire sentle ko sekoleng, go lwala tlhaloganyo, go ipaya mo kotsing ya go tsenwa ke mogare wa HIV le malwetse a mangwe a tlhakanelo dikobo di rwesa batsadi mokgweleo ka e le bone ba ba tlhokomelang bana fa go tlhagoga mathata.
Mokeresete o tlhagisitse fa ba nale boikarabelo jwa go ema bana ba bone nokeng gore ba fetse dithuto tsa bone sentle le go netefatsa gore ba itekanetse ebile ba ikgapha mo tirisong ya dinotagi le diritibatsi.
Are go botlhokwa gore batsadi ba itse se ba ka se dirang go thibela mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi.
O tlhalositse fa batsadi ba tshwanetse go ela tlhoko diphetogo tse di supang tiriso ya bojalwa le diribatsi jaaka go fetoga ga tshoganyetso ga boitsholo,kwelo tlase ya maduo mo dithutong le gone go sa tsena sekolo sentle,go itebala le go eta mogopolo,bosilo le go tenega ka pele, go utswa madi le dilo tse dingwe mo lapeng jalo jalo.
Mokeresete o gakolotse gore fa motsadi a setse a lemogile gore ngwana wa gagwe o dirisa diritibatsi le ditagi, a bue le ngwana wa gagwe ka nako e a wetseng dibete le ngwana a se mo sediding sa bojalwa kana diritibatsi.
A itsese ngwana ka ga dipelaelo tsa gagwe mme a mo lemotshe gore o tshwenyegile ebile o a kgathala.
Are fa ngwana a rurifatsa dipelaelo tsa motsadi ka go dumela gore o a nwa, motsadi a bue le ene sentle a sa omane gore batle ba kgone go rarabolola mathata ko ntleng ga go kgopisana.
Are motsadi o tshwanetse go batlisisa gore ngwana o ikutlwa jang le gore ke eng se se mo dirileng gore a simolole tiriso ya bojalwa kgotsa diritibatsi.
Mokeresete o gakolotse gape gore motsadi a bue le ba botsogo kana bogakolodi gore ba thuse ngwana, mme gape a dirisanye sentle le ngwana mo go rarabololeng bothata jo a nang le jone a tlhalosa fa go kopa thuso nako e sale teng go ka sireletsa botsogo le pabalesego ya ngwana.
O gakolotse gape gore atsadi ba rotloetse bana go kopa thuso fa ba tsaya ditshwetso tse di amanang le botsogo jwa bone le go ba ruta go nna le boikarabelo ka madi a ba a ba fang mme ba seka ba ba fa go fetisa se ba se tlhokang.
Mokeresete o gateletse gore batsadi ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba seka ba ba roma bana go ba rekela ditagi gape ba seka ba dirisa ditagi mo ponong ya bana.
O tsweletse ka go ba gwetlha go nna ba labile metsamao ya bana ba bone, ba batlisise gore fa ngwana a seyo mo lwapeng o a bo a le kae,a nale bomang, a dira eng.
Mokeresete o tlhalositse gape gore sekole se tshwanetse go nna le seabe mo go thuseng batsadi go rarabolola mathata a tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi tse dingwe mo sechabeng, a bolela fa barutabana ba na le nako e ntsi le bana ba dikole ka jalo ba na le seabe mo kgodisong ya bone.
O tlhalositse fa barutabana ba tshwanetse go dira seemo se se rotloetsang bana go ithuta sentle le go ema batsadi nokeng mo dithutong tsa bana,bogolo jang ka dikgang tse di amanang le tiriso ya bojalwa le diriibatsi.
Are barutabana ba tshwanetse go dirisanya sentle le bana go rotloetsa tshosologo mme ba rotoetse bana go tlhama mekgatlho ya bana ba sekole e e thusang go nna kgatlhanong le le tlhotlheletso e e sa siamang go tswa mo ditsaleng.
O tsweletse ka go tlhalosa fa barutabana ba tshwanetse go tlisa mananeo a a thusang banana jaaka a kgothatso le go rutuntshanya ga bana ka botshelo.
O tlhalositse gape gore barutabana ba tshwanetse go lemoga dikai tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi mme a tseye kgato e e maleba mme fa go tlhokegang teng a kope thuso.
Mokeresete o boletse gore sekole ga se a tshwanela go letlelela ope go dirisa bojalwa le diritibatsi mme se tshwanetse gore se gagamatse molao kgatlhanong le tiriso ya tsone.
Mokeresete o gwetlhile barutabana go lemotsha batsadi,batlhokomedi le banana ka go ba ruta ka ditlamorago tsa tiriso ya bojalwa le diritibatsi tse dingwe.
Fa a iebaganya le banana, Mokeresete o ba gakolotse gore ba tshamekele kgakala le bojalwa le diritibatsi ka din ale ditlamorago tse dibotlhoko tsa di ka ba senyetsang bokamoso mme o ba gakolotse go dira ka natl mo dithutong tsa bone ka thuto e lebokamoso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Manene
Location : TSABONG
Event : Potsolotso
Date : 22 Feb 2015






