Breaking News

Ba lebogela therisanyo

19 Feb 2015

E re ka jaana morero e le selo sa botlhokwa mo ngwaong ya Setswana, banni bangwe ba motse wa Dutlwe kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng ba re ba itumedisiwa ke go bona baeteledipele ba bone ba santse ba tlotla morero ebile ba tshegeditse mowa wa therisanyo ka ba netefatsa gore ba tshwara diphuthego gangwe le gape go ba lekola.

Ba supile fa ba lebogela go bona baeteledipele ba netefatsa gore ba a ba tlhola le go ba lekola go tla go utlwa matshwenyego le go tsaya megopolo mo go bone, ba kaya fa seo se dira gore batho ba tlhaloganye ka tse di diragalang mo lefatsheng la bone le go nna le tshepho mo go ba ba ba romileng.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolowana eo, mongwe wa batsadi mo motseng, mme Itshenkeng Tsheboagae a re bontsi jwa Batswana ba santse ba tlhokana le thuto e e tseneletseng le kgothatso tebang le tsa go inaakanya le mananeo a puso, mme ka jalo go botlhokwa gore baeteledipele ba amogane le morafe thuto ka mananeo.

Mme Tsheboagae a re ba lebogela go bona ba ba ba eteletseng pele ba ba lekola kgapetsakgapetsa go tla go amogana le bone thuto ka ditirelo tsa puso le go ba lekodisa ka se e leng bothata mabapi le go tlhabologa ga metse ya bone, mme a ba gwetlha go tswelela ba ba lekola ka maduo a morero a le mantle.

O kaile fa morero o le botlhokwa ebile o tshwanetse go tlotlwa, a kaya fa go tshwara diphuthego tsa kgotla go thusa thata ka go neela Batswana sebaka go ntsha matshwenyego le dingongorego tsa bone mo go ba ba eteletseng pele, mme a kopa banni bao segolo jang borre go tsibogela diphuthego tsa kgotla gore ba seka ba fetwa ke mananeo.

O ne a supa fa puso e tlhamile mananeo a a farologanyeng go thusa Batswana go ikapola lehuma mme a supa fa go tlhaela kitso e le sekgoreletsi se segolo mo go bangwe go inaakanya le mananeo mme ka jalo a gatelela botlhokwa jwa gore baeteledipele ba tswelele ka go ba lekola go tla go amogana le bone kitso.

E ne e rile go le pele, mothusa kgosi, Rre Omphile Kgogwane a gakolola morafe go tlhaloganya fa seabe sa bone se le botlhokwa thata mo go tlhabologeng ga motse,mme a ba kopa go tswa ka maano a a ka thusang motse wa bone go tlhabologa le go inaakanya le mananeo go fatlhoga mo lehumeng.

O ne gape a kgala mowa wa atlhama ke go jese o bangwe go lebegang ba santse ba na le one,mme a ba gwetlha go ikemela ka dinao ka go tshwara ka thata fa ba abetswe dithuso tsa mananeo a puso go na le go ikaega fela ka gore ba tlaa phakisiwa. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : Letlhakeng

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Feb 2015