Dipodi di tlhoka tlhokomelo
19 Feb 2015
Mme Koze Saxhoma monni wa Gumare wa dingwaga tse di masome mararo le boferabongwe o boletse fa dipodi tsa nyeletso lehuma di tlhoka tlhokomelo ka di le disha fa di nnang teng.
Saxhoma o buile se mo potsolotsong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng.
A re o filwe dipodi di le lesome le botlhano tse di namagadi le e tonanyana e le nngwe fela ke ba nyeletso lehuma. Saxhoma o boletse fa dipodi tse di tlhoka go agelwa lesaka le le thata go itsa gore di tlhage.
A re ka di a bo di setse di sa tlwaela fa di isitsweng teng ka gore di rekilwe mo merakeng e sele, di kgona go ngwega di boela kwa di tswang teng kgotsa di tsamaya le naga. Saxhoma a re jalo di tlhokana le go disiwa go fitlhela di tlwaela.
O boletse fa dipodi tseo di tlhoka go fudisiwa sentle go itsa gore di tlhage mo sakeng.
A re o filwe le melemo e e ntshang makgantsetse, ya dibokwana mo maleng, dijo tsa tsone go di jesa a bo a fiwa gape le manyena go di rwesa mme a setse a emetse didirisiwa tse di kgaolang menala le direnche tse di kentang.
Mme Saxhoma a re dipodi tsa gagwe di filwe kalafi e tshwana ya tipi ya mokwatla,go di kenta le go tipa fa di goroga mme a laetswe go di lebelela go bona gore di amogela jang melemo e.
Saxhoma a re o laetswe gape go bega makowa ape a a ka tlhagogelang dipodi tse kwa go ba mathoko a leruo.
A re dipodi tsa gagwe di setse di na le kgwedi jaana di le mo tlhokomelong ya gagwe mme tse di namagadi di setse di dusa tsotlhe fa e se e le nngwe fela e e foloditseng ntata ya go diega mo sakeng nako e di neng di rekwa.
Saxhoma o boletse fa a simolotse a disa dipodi tsa gagwe mme mo bogompienong a di bolotsa fela di bo di ya go fula di le nosi.
A re fa a itaya bata ya metsi kwa sakeng ebile di tla di siane go tla go nwa metsi selo se a se itumelelang fela thata. A re o bala dipodi tsa gagwe maitseboa mangwe le mangwe go thola gore di mmogo mme ebile gape esale dipodi di nna di ya go fula di le nosi go sena epe e e kileng ya tlhoka go goroga le tse dingwe.
“Keletso ya me ke go tlhokomela dipodi tsa me go fitlhelela di tla di nkinola mo lehumeng”a tlatsa ka go rialo.
Saxhoma a re o batla go bona dipodi tsa gagwe di oketsegile e le moraka fela o o godileng a tlatsa ka gore e sale a di filwe ga di ise di mo fe bothata bope ka di kgona go ya go fula di bo di boela sakeng maitseboa di sa latiwa.
Mme Saxhoma a re mo bogompienong le ene o ipitsa morui ka o phakela a bolotsa, maitseboa a tlhatlhela jaaka morui mongwe le mongwe.
A re se ke sesupo sa gore puso ya lefatshe leno e kgathala ka matshelo a batho ba yone ka go leka go lwantsha lehuma la nta ya thogo ka tsotlhe tse e nang le tsone. O rotloeditse batho go tlhokomela dithuso tse ba di fiwang gore di tle di ba ntshe mo lehumeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atomic Thaba
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 19 Feb 2015






