Baithuti ba ima ka dipalo tse di kwa godimo
19 Feb 2015
Morutabana wa bogakolodi le tshidilo maikutlo kwa sekoleng se segolwane sa Tutume McConnell College, Mme Onalenna Edward a re baithuti ba ima ka dipalo tse di kwa godimo thata tse di ngomolang pelo.
E rile a lekodisa batsadi ba bana ba ba yang go dira lekwalo la bone kwa sekoleng seo ka Labobedi (Tlhakole 17), Mme Edward a bolela fa ngogola go dule baithuti ba basetsana ba le masome mabedi le bongwe ka ntlha ya boimana.
A supa fa palo entsi e le ya baithuti ba lekwalo la bone. O ile a kopa batsadi ba bana ba basetsana go bua le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le ditlamorago tsa go ima ba sale bannye.
A gatelela ka gore go bo dipalo tsa bana ba basetsana ba ba tlogelang sekole ka boimana di gola ka bokete jo bo kalo go supagala fa bokaedi bo santse bo tlhaela mo batsading.
Mme Edward o ne a kopa batsadi go nna le seabe se se bonalang mo baneng ba bone ka go nna ba etela sekole le go ba lekodisa ka matshwenyego a botsogo a ngwana gore ba kgone go tshwaraganela bana bao.
E ne erile pele fa a amogela batsadi ba baithuti bao ba lokwalo la bone, mogokgo wa sekole sa Maconnell College, Rre Watson Basoli a supa fa sekole se lebanwe ke kgwetlho e tona thata ya mosuke kwa matlo a borobalo a baithuti.
Rre Basoli a re matlo ao a diretswe go fa boroko baithuti ba le makgolo a supa le masone mane le bone mme mo nakong ya gompieno go nna ba le sekete, lekgolo le masome a marataro le borobabongwe.
A tlhalosa fa go letleletswe baithuti ba le makgolo a robabobedi le masome a mane le bone go dira lekwalo la bone (844) a re palo yotlhe ya go nna 1 695 go kopangwa le ba lekwalo la botlhano.
Mogokgo o ile a bolela fa sekole se sa tlhole se dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo la botlhano jaaka mo dingwageng tse di fetlileng.
A gatelela ka gore mo bokopanong jwa bone jwa letsatsi leo e ne e le go tla go ikgata motlhala go bonala gore phoso e dule kae le go aga Maconnell wa pele o o neng a melediwa mathe ke mongwe le mongwe. A gatelela ka gore seo ga se kake sa pala fa ba ka tshwaraganela tiro ya ngwana ya sekole le barutabana, botlhe le ba-na-le seabe.
O ile a kgalemelela batsadi mokgwa wa go rekela bana dilo tse di tlaa ba itayang tsebe jaaka megala ya letheka, a re baithuti ba tsaya nako ba le mo maranyaneng a sesha (facebook) ba sa dire tiro ya sekole mme seo se ama maduo a bone.
O tsweletse a ba kopa go rotloetsa bana ba bone gore ba itse fa thuto e tla pele fa dilo dingwe di tla kwa morago, ba sena go fetsa sekole.
A gatelela ka gore o ila mokgwa o batsadi ba phuaganyang bana ba bone mo sekoleng ba bo ba ya go bonala nako ya maduo a tswa ba tla ka go supa barutabana ka monwana, a re ba tshwanetse go supa seabe sa bone go simolola letsatsi la ntlha ngwana a amogelwa mo sekoleng go fitlhelela a fetsa dithuto tsa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Phuthego
Date : 19 Feb 2015






