Breaking News

Ba gakololwa go ikgapha go tsamaya bosigo

19 Feb 2015

Bomme ba gakolotswe go ikgapha mo go tsamayeng bosigo ba le bosi ka se se le borai thata mo matshelong a bone. Kgakololo e e dirilwe ke mogolwane wa mapodisi a Kanye Superintendent Kealositse Konyana mo potsolosong le BOPA beke eno.

Supt Konyana a re seemo se se tshwenya mapodisi thata ka jaana gantsi bomme fa ba tsamaya ba le bosi bosigo ba felela ba kopana le dilalome tse di felelang di ba amoga ditsabone le go itseela dikobo ka dikgoka mo go bone.

 A re ka mafelo a beke e e fitileng mme mongwe wa dingwaga tse di masome a mararo le botlhano o ne a tlhaselwa ke banna bangwe ba le batlhano fa maemelong a di palamo a BG mo Kanye mme ba mo keteka, ba bo ba mo amoga mogala wa lotheka, ditlhako le madi aa ka tshwarang Five hundred Pula morago ba itseela dikobo ka dikgoka mo go ene ka go mo dirisa ba mo fapaanela ebile ba sa dirise sekausu ( condom).

Supt Konyana a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya bongwe maphakela, a tlhalosa fa dilalome tseo di ne tsa gogela mme yoo kwa malwapeng mangwe a a sa nneng ope gone fa BG mme ba feta ba dira tiro e e masisi eo, a re mme yoo o tlhalositse fa a ne a tswa tirong mme a ya kwa goora Tshweneyagae.

Mookamela mapodisi o tlhalositse fa ba tshegeditse monna a le mongwefela wa dingwaga tse di ka tshwarang masome a mabedi le botlhano wa kgotla ya Mafhikana mo Kanye mabapi le tiragalo eo go thusa mapodisi ka ditlhotlhomiso, a re fa e ka re ditlhotlhomiso di wela a bonwa molato o tlaa lebisiwa molato wa petelelo. 

Supt Konyana are e ntse ele ka mafelo a beke e e fitileng mosetsana mongwe wa moithuti le ene one a tlhaselwa ke banna ba le babedi mo Kanye ka nako ya lesome bosigo a tsamaya a le esi are o ya go tsaya ditsala tsa gagwe go ya go lala kwa kerekeng.

A re banna bao ba ne ba mo leleka go fitlhelela ba mo tshwara mme mongwe wa bone a itseela dikobo ka dikgoka mo go ene mme ebile a sa dirise sekausu.

 Entse ele ka mafelo a beke gape Rre Konyana o tlhalositse fa ngwana wa dingwaga tse di lesome le boraro wa kgotla yoo Ruele mo Kanye a ne a tshuba ntlo ya rantafole mme dilwana tsotlhe mo go yone tsa asha.Are ngwana yoo one a tshameke ka molelo pele ga tiragalo eo ee diragetseng motshegare ka nako ya masome a mararo go tlogela nako ya bobedi.

Kwa Moshupa gone mogolwane wa mapodisi Supt Onneetse Gagogosha le ene o tlhalositse fa go nnile le tiragalo e le nngwefela ya petelelo ka mafelo a beke kwa kgotleng ya Mmaseetsela.  A re mosetsana wa dingwaga tse di masome a mabedi o ne a thubediwa ke mosimane mongwe yo le ene a leng dingwaga tse di masome a mabedi. 

A re mosetsana yoo yo eleng mmereki wa lelwapa kwa gagabo mosimane one a robetse mme mmelaelwa a mo tsenelela mo kamoreng ya boroko go itseela dikobo ka dikgoka mo go ene.

Supt Gagogosha o tlhalositse fa mmelaelwa a le mo diatleng tsa mapodisi go ba thusa ka ditlhotlhomiso mme e tlaa re mo bogaufing a isiwa fa pele ga lekgotla la ga mmakaseterata go arabela molato wa petelelo. 

Mo go tse dingwe mogolwane wa mapodisi o boletse fa monna mongwe a fitlhetswe ka kgomo e go belaelwang e le ya bogodu kwa morakeng wa Goo-Kodisa, a re kgomo eo e sa le e nyeletse ka ngwaga wa 2014 mme ke gone e bonwang.

O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse go batla mong wa kgomo mme a tlaa itshupa ka jaana kgomo eo e na le letshwao. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 19 Feb 2015