Ipelegeng ga se ya batswakwa
18 Feb 2015
Mokwaledi wa Khansele ya Jwaneng Rre Dick Kalantle are lenananeo la Ipelegeng ga le diretswe Batswana gore ba intshe mo lehumeng, eseng batswakwa.
O buile jalo ko phuthegong ya khansele bosheng e e neng e itebagantse le go fa batsamaisi ba lenaneo leo sebaka sa go rolela khansele tse ba di kgonneng mo ngwageng wa madi wa 2014/2015 le go kopa madi a ditiro tse di tlang.
Rre Kalantle are maikaelelo a lenaneo leo ke go fa Batswana sebaka sa go itlhotlhora manonokonko a lehuma. Are bontsi jwa ditiro tseo ga se jo bo tlhokang dikitso tse di faphegile ka jalo go maleba gore Batswana ba di akole.
O ne gape a bolelela Makhanselara gore ba lephata la madi ba gakolola gore dikhansele di feleletse ditiro tse di kwa morago pele ga ngwaga wa madi o wela.
Rre Kalantle are ele Khansele ya Jwaneng ba nnile le dikgwetlho tse di ba kgoreleditseng gore dingwe tsa ditiro di bo di sa wela.Are go batla baitseanape ba ba rutetsweng tiro ya diatla ga mmogo le go dira ditlhwatlhwa tsa ditshenyegelo tsa go ditiro dingwe tsa puso ke gone go diileng dingwe tsa ditiro tse di kabong di setse di weditswe.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mogale Rre Ronicah Ntsimako one a kopa gore bagolwane ba ba berekang le Ipelegeng ba tlhophiwe ke komoti ya ditlhabololo kwa dikgaolong . One a tswelela gape a kopa gore babereki ba Ipelegeng ba fiwe diaparo tsa itshireletso ka jaana ba berekela mo diemong tse di diphatsa.
Mokhanselara wa Seole Rre Obed Monkge ene o ne a gwetlha bogogi go potlakela gore dituelo tsa babereki bao di okediwe go itepatepanya le go gola ga ditlhwatlhwa. Are madi ao a mannye thata gore motho o ka tshela ka one.
Mokhansela yo o itlhophetsweng Mme Olga Ditsie o ne a kopa gore Khansele e tlhoafalele go tswa ka mananeo a a ka begwang e le ditiro go nale go bua ka lenananeo la Ipelegeng le Green Scorpion fela. O ne a tlhalosa gore gase ditiro dipe tse di ka opelwang legofi.Are go botlhokwa gore ba tswe ka mananeo a a ka tlhabololang toropo eo.
Fa a ba araba Rre Kalantle o ne are go thata go fa babereki ba Ipelegeng diaparo tsa itshireletso ka ntlha ya seemo sa madi. Are go tlaa bo go se maleba ka jaana babereki bao ba bereka ka go fapapaana kgwedi le kgwedi ka jalo madi a lenanaeo leo a ka felela mo diaparong. O ne a tswelelea a tlhalosa gore go maleba gore baeteledipele ba Ipelegeng ba tlhophiwe kwa dikgaolong gore ba kgone go bereka le batho ba ba ba itseng. Rre Kalantle o ne gape a supa matshwenyego a gore toropo eo e tlhokana le go lengwa ditlhare a tlhalosa fa e sa kgatlhise. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lebogang Baingapi
Location : JWANENG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 18 Feb 2015






