Breaking News

Bolwetsi jwa tlhaloganyo bo a laolesega

19 Feb 2015

Mogolwane wa baoki ba balwetsi ba tlhaloganyo kwa kokelong ya Sbrana mo Lobatse, Rre Kagiso Nthobatsang a re bolwetsi jwa tlhaloganyo ga bo na kalafi mme bo a laolesega.

O buile seo, kwa bokopanong jwa bomme ba thapelo jwa bo lesome le boferabongwe ba kereke ya UCCSA, e e neng e tshwerwe ka Labotlhano (13/02/2015).

Rre Nthobatsang o boletse gore bolwetsi jo ga bona kalafi mme molwetsi o ka tlhatlhobiwa a bo a fiwa melemo ee ritibatsang fela le go sidilwa maikutlo.

O tsweletse a tlhalosa fa bolwetsi jwa tlhaloganyo bo ka bakiwa ke dilo di le mmalwa jaaka mogare wa HIV/AIDS, segotso, dikotsi tsa tsela le ditagi tse a tlhalositseng di ama ditshika tsa boboko mo go feletseng go dira gore molaetsa o seka wa feta sentle mme a re se felele se bakela motho go latlhegelwa ke tlhaloganyo.

Rre Nthobatsang o boletsetse gore dikai tsa bolwetsi jwa tlhaloganyo ke go bua ka pelo, go timela tlhaloganyo, motho o tlhoka go itse batho ba a nnang le bone kgotsa ba losika, motho a sa itlhokomele a sa tlhape gongwe a tshega a le nosi mo go feteletseng kana a dira dingwe tse di sa tlwaelesegang. 

A re go itumela go feta selekanyo e kanna sekai sa go lwala bolwetsi tlhaloganyo fela jaaka go utlwa botlhoko thata go ka baka bolwetsi jwa tlhaloganyo.

Le fa go ntse jalo, o ne a gwetlha setshaba gammogo le dikereke go ema balwetsi ba mofuta oo nokeng ka dinako tsotlhe. Rre Nthobatsang a re ba tshwenngwa ke dikereke dingwe tse di tlogedisa balwetsi melemo mme se se dire poelo morago mo botsogong jwa molwetsi. O gakolotse setshaba go ithuta ka bolwetsi jwa tlhaloganyo a re ba ka etela kwa kokelong go ithuta go le gontsi ka bolwetsi jo.

O ne a tlatsa ka gore setshaba se tshwanetse go ithuta go tshela le balwetsi bao mo tikologong mme a ba gwetlha go ba fa lorato, go akarediwa mo mererong eseng go kgethololwa a re se se ka ba thusa gore ba amogele seemo sa bone.

Rre Nthobatsang o ne a ba gwetlha go ema nokeng balwetsi morago ga go gololwa kwa kokelong ka go ba rotloetsa go nwa melemo ka nako le go ba akaretsa mo ditirong tsa lelwapa go ba itsa go tlhola ba robetse fela.

E rile a ema bomme ka lefoko, Mmaboipelego kwa kokelong ya balwetsi ba tlhaloganyo go tswa kwa Sbrana Mme Larona Dithato a re bokopano jo bo maleba ka jaana bontsi jwa nako bomme ke bone baoki ka Setswana se re “mmangwana a tshwara thipa ka fa bogaleng”.

A re o thusana le ba bongaka go sekaseka botsogo jwa molwetsi a re ba buisana le molwetsi mme ba busetse tse ba di itemogetse mo molwetsing kwa go ba bongaka gore molwetsi a bone kalafi.

Mme Dithato a re gape ba lomaganya molwetsi le mananeo a mangwe a itshetso fa a dule kwa kokelong le bo mmaboipelego ba kgaolo e molwetsi a tswang mo go yone go itsa gore a nne fela mme ana le matlhoki.

O tswelete a re ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le go tlhoka go tlholwa ga balwetsi, a re se ke sesupo sa gore batsadi ga ba amogele balwetsi ka lorato mme a tshwaela gore dinako tse dintsi balwetsi o fitlhela ba tlhokana le go fiwa lorato ke ba malwapa a bone.

Bokopano jo bo bo ne bo tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se sereng “Keresete oa re bitsa tsaya karolo mo tshotlegong le ikgaratlhelong”. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Bokopano jwa bomme ba thapelo

Date : 19 Feb 2015