Breaking News

Baeteledipele ba tshwanelwa ke tlotla

18 Feb 2015

Bomme ba thapelo ba kereke ya UCCSA ba gwetlhilwe go fa baeteledipele ba bone tlotla e e maleba gore baeteledipele le bone ba tle ba ba neele tlotlo eo.

Kgakololo eo, e dirilwe ke Moruti Patience Pheko go tswa kwa kerekeng ya Lontone kwa Ranaka ka matlhatso jaaka a ne a rutuntsha bomme ka botlhokwa jwa boeteledipele mo bokopanong jwa kereke eo jwa bomme.

Moruti Pheko o tlhaloseditse pthuthego gore moeteledipele o tshwanetse go ithulaganya, a nne le boammaruri pelokgale, a amogele batho botlhe ba a ba eteletseng pele ka tekatekanyo.

O tlhalositse gore fa boeteledipele jwa Kereke bo se komota seo se ka bakela Kereke dihawa ka jaana tsamaiso e tla a nna e e reketlang.

O tsweletse ka go kgala boeteledipele jo o fitlhelang bo sena thulaganyo a re bokoa joo bo ka emisa ditiro tsa kereke mme a gwetlha balatedi ba kereke go tsaa dikgato tse di maleba ka go mo seegela fa thoko ga tlhophiwa yo mongwe sebe sa phiri e le go thusa go fefosa ditirelo tsa kereke le go di tsamaisa ka bonokopila.

A re moeteledipele o tshwanetse go tsaya boikarabelo jo bo tletseng ka kereke e a e eteletseng pele ka go nna le tebelopele a re mme seo se ka diragala fa a dirisana mmogo le maloko a kereke.

Moruti Pheko o gwetlhile bomme gore ga ba seka ba inyatsa fa ba tshwere maemo a re se se ka dira gore phuthego le yone e ba tlhaetse matlho.

O ba gakolotse gore ba tshwanetse go atolosa dikakanyo tsa bone ka go dirisa methale e mentsi ya go ithuthuntsha le go dira dipatlisiso tse di tseneletseng ka dikgang gore ba tle ba kgone go tsaa ditshwetso tse di maleba le go fa bogakolodi jo bo tsepameng a re seo se ka thusa phuthego go dira ka botswapelo mme merero ya kereke e tsamae ka tshosologo go nne le maduo a molemo.

Mo go tse dingwe, Mme Elsey Kopi o ne a ruta bomme ka tiro ya bokwaledi, e a boletseng e fetogile e bile e oketsegile ka jalo a ba gwetlha gore fa ba tlhopha mokwaledi a bo e le motho yo o tlhaga a ka kgona go emelelana le namane ya tiro ya bokwaledi.

Mme Kopi a re mokwaledi o bereka le modulasetilo, moruti go kopanya diphuthego a dira lenaneo a le romelela dikomiti ka go farologana ka nako le ditaletso, go rulaganya lefelo, nako le letsatsi, a dire lenaneo la letsatsi.

O ne a gatelela ntlha ya gore mokwaledi o tshwanetse go tlhokomela dibuka tsa gagwe ka nako tsotlhe le go bona gore di bewa ka mokgwa o o haphegileng go itsa ketsaetsego ka nako ya fa go tshwanetse go fa pego ka ditirelo tsa kereke tsa ngwaga le ngwaga. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Grace Sebape

Location : LOBATSE

Event : Bokopano jwa kereke

Date : 18 Feb 2015