Maduo ga a itumedise batsadi le barutabana
18 Feb 2015
Batsadi ba bana ba ba tsenang sekole se se botlana kwa Khudumelapye ba supile bas a itumelele maduo a a kwa tlase a sekolo seo ka kakaretso go simolola ka lekwalo la ntla go fitlha la bosupa.
Ba buile seo mo phuthegong ysa batsadi le barutabana kwa sekolong seo.
Mongwe wa batsadi Rre Kopano Tsietso o supile fa go ngomola pelo go bona maduo a bana a sa kgatlhise le eseng.
O ne a supa fa a ipotsa gore fa baithuti ba sa dire sentle ka dipalo tse dintsi bat la felela kae ka ditiro tsa segompieno di tlhoka batho ba dithutego tse di rileng.
O ne gape a supa fa ele batsadi batla ema sekolo nokeng ka go rekela baithuti dibuka ka go na le tlhaelo ya dibuka wka sekolong seo.
Fa a lekodisa ka sekolo Mothusa Mogokgo wa sekolo seo Mme Seminara Seabo o ne le ene a supa fa a sa itumelele madu a a kwa tlase a baithuti.One gape a gakolola batsadi go rotloetsa baithuti go tsaya dithuto tsa bone tsia.One gape a kgotlhatsa batsadi go latedisa thuto ya bana.
Mme Seabo o ne a tswelela ka go kgotlhatsa batsadi go se kgojwe marapo ke maduo a a kwa tlase a baithuti mme a solofetsa bat la dira ka natla go ntsha maduo a a botoka.
Mongwe wa barutabana ba sekolo seo Rre Tebogo Nthomang o ne a supa fa baithuti bas a dire sentle mo dithutong tsa temo-thuo,dipalo le tsa maranyane.O ne a kgotlhatsa batsadi gore fa maduo a bana a sa nametse ba tshwanetse go itshekatsheka ele bana le seabe botlhe.
Mongwe wa batsadi mme Sekale Keotletswe o ne a supa a ngongoregela bodiredi jo bo nnang lebaka le le leele bas a fetolwe mo sekolong.
O supile fa seo se ka nna le seabe mo go iseng maduo a bana kwa tlase. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya sekole
Date : 18 Feb 2015






