Breaking News

Bomme ba lwantsha thubetso

18 Feb 2015

Bomme mo kgaolong ya Bobirwa ba setse ba lapisitswe ke dilalome tse di itseelang dikobo ka dikgoka mo e bileng le bone ba dirisa dikgoka tse di feteletseng go iphemela.

Se se setse se supagetse mo lobakeng lo lo khutshwane fa e sa le ngwaga o o simologa fa bomme ba le babedi ba ba neng ba tlhaselwa ba ne ba dirisa dikgoka go golafatsa dilalome tse di tsayang dikobo ka dikgoka.

Go thubetsa kgotsa go benya jaaka go bidiwa mo kgaolong ya Bobirwa go ile magoletsa mme seemo se se lebega se setse se lapisitse batho.

Ramapodisi a Bobonong, Superintendent Paul Seoko o boleletse BOPA mo potsolotsong gore ba tshegeditse monna wa dingwaga tse di masome mabedi le bongwe yo e leng mmelaelwa mo go itseeleng dikobo ka dikgoka mo mmeng wa dingwaga tse di lesome le bofera bongwe yo o tlholegang kwa Zimbabwe.

Go ya ka Rre Seoko, lekawana leo la kgotla ya Borotsi le ne la thuba lobati lwa mme yo ka Tshipi mo mosong ka nako ya bobedi mme a itseela dikobo ka dikgoka a sena go mo tshosetsa ka go mo itaya ka tshipi.

Mmelaelwa ga twe o ne a thulamela a sena go mo thubetsa a mme se sa afa motswasetlhabelo sebaka sa go tsaya selepe se a neng a se dirisa go mo rema sefatlhego. 

O ne a okwa ntho e e masisi kwa kokelong ya Bobonong morago ga go tshwarwa ke mapodisi mme o tlaa lebisiwa molato wa petelelo fa a sena go fola.

A re malatsinyana pele ga petelelo, mmelaelwa o ne a tsenelela mongongoregi mme a utswa mogala wa letheka ka dikgoka mme mongongoregi ga a ka a begela sepodisi ka o ne itse fa a nna mono e seng ka fa molaong.

Mo tiragalong e ngwe ya petelelo monna mongwe wa kgotla ya Setupung mo Bobonong le ene o ne a bona go se gontle morago ga go leka go itseela dikobo ka dikgoka mo mmeng wa dingwaga tse di masome mane le bongwe.

Rre yoo wa dingwaga tse di fa gare ga masome a mabedi le botlhano go ya kwa go masome a mararo o nne leka go tshosetsa mme yo ka thipa mme a kgona go fekeetsa selalome seo go fitlhelela a se phunya mpa ka thipa eo.

E ne ya re fa a wela fatshe mme yo a tsaya selepe a mo fatsa tlhogo. 

Rre yoo o kwa kokelong ya Princess Marina mme e tlaa re go foleng a isiwe fa pele ga lekgotla go lebisiwa molato wa go leka go betelela.

Le fa go ntse jalo, Rre Seoko a re ope ga a a tshwanela go dirisa dikgoka tse di feteletseng go iphemela, a re gore bomme ba bo ba dirisa dikgoka go iphemela mo dirukutlhing ke sesupo sa gore ba tshwenngwa ke seemo sa petelelo se se golelang pele.

Rre Seoko o kopile borre go itshwara le go kopa tetla mo basading ba ba batlang go dirisanya le bone, a supa fa go betelela motho go tlogela lobadi lwa sennela ruri mo pelong ya motho.

O supile fa borukhutlhi jwa go betelela bo tshwenya mo kgaolong ya Bobirwa mme a supa fa e sale ba tsibosa setshaba ka ditiragalo tsa go nna jalo di begelwa mapodise.

Rre Seoko a re mo monongwaga ba setse ba gatisitse dikgang di le tharo tsa petelelo fa tsa go dirisa bana botlhaswa di le nne mme e bile batsadi ba simolotse go bega dikgang tsa go nna jalo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Goratileone Kgwadu

Location : BOBONONG

Event : Potsolotso

Date : 18 Feb 2015