Khansele e akgolelwa maiteko
19 Feb 2015
Khansele ya bokone bophirima e akgoletswe maiteko a yone a go tokafatsa tlhokomelo ya baithuti ba ba tswang kwa metseng e e kgakala le ditlamelo ba ba tsenang sekoleng se sebotlana sa Xakao mo kgaolong ya Okavango.
Motlhokomedi wa baithuti bao, Mme Phetso Masaya a re khansele e dirile go le gontsi ka jaana didirisiwa tsa baithuti jaaka dipaka le diaparo di goroga ka nako.
A re mabela ga se a maloba ka jaana le dijo mo matlong a borobalo di goroga ka nako e bile seshabo se nna se le teng.
O ne a iteela bogogi jwa khansele legofi jaaka bo ne bo etetse sekole seo go lekola botsogo le gone go utlwa dikgwetlho tse di lebaneng botsamaisi.
Mme Masaya a re ba lephata la boipelego ba tshwaragane le bone go netefatsa gore baithuti ba bona ditshwanelo tsa bone, sebe sa phiri ke batsadi bangwe ba ba amogang bana diaparo, bogolo jang fa dikole di tswetse.
A re fa bana ba boela sekoleng ba tla ba le makgasa fa ba bangwe ba tla ba apere diaparo tse di ba fetang.
A re seemo seo se a tshwenya e bile se folodisa maiteko a khansele a go tlhokomela bana mme a ikuela mo botsading go emisa mokgwa oo.
Mo dikgannyeng tse dingwe Mme Masaya o kopile bogogi jwa khansele go ba thusa ka ditsompelo tsa thuso ya potlako gore ba kgone go thusa baithuti ka dinako tsa dikgobalo.
A re first aid kit e botlhokwa thata, bogolo jang ka ba tlhokomela baithuti ba ba botlana e bile ba tshameka bobe mme ba tshabelelwa ke go gobala.
A re go ne go ka nna molemo gore ba fiwe ikatiso ya gore dithuso tseo di dirwa jang.
E re dikgang di eme jalo, mothusa mogokgo, Mme Ngonye Totlego o ne a supa fa ba sa jesiwe diwelang ke bommamathwane le motlhwa.
A re ga ba itse boroko ka jaana motlhwa o ja le tsone dibuka tsa baithuti tota.
O kopile khansele go ba thusa ka molemo o o ka nyeletsang mmamathwane le motlhwa.
E ne ya re a ba ema ka lefoko, mokwaledi wa khansele, Rre Mzondik Moswete a tlhalosa fa ba tlhaloganya dikgwetlho tse di lebaneng bodiredi jaaka tlhaelo ya matlo a boroko, a supa fa seo e le selelo sa kgaolo ka bophara.
A re maiteko a a dirwa go batla ditharabololo ka puso e eletsa go bona bodiredi bo nna sentle e bile bo ntsha maduo.
Fa a tsibogela kgang ya bommamathwane, Rre Moswete o boletse fa ba ne ba tlamega go emisa molemo o o nyeletsang bommamathwane ka jaana go supegetse fa monko wa one o le borai mo matshelong a batho.
O boletse dikgwetlho tse dingwe di le bonya go tsibogelwa bogolo jang ka di batla madimadi, mme a kopa bodiredi go nna pelotelele a supa fa khansele e tlaa tswelela e leka fa go kgonagalang teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya khansele
Date : 19 Feb 2015






