Breaking News

Kalafi le nnotagi ga di tsamaisane

18 Feb 2015

Molomaganyi wa botsogo jwa tlhaloganyo (mental health coordinator) mo Sekgoma Mme Malebogo Motsokono o buile a sa kgwe mathe fa kalafi le nnotagi ele dilo tse pedi tse di sa tsamaisang.

A re gole gantsi gona le balwetse bangwe ba ba tsayang dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV le tsa kalafi ya kgotholo e tona ba na le mokgwa wa go kopanya go tsaya kalafi e kafa gape ba itepatepantse le go nwa dino ba goga le ditagi, mme a re go dira jaana gole diphatsa fela thata mo botsogong ja bone ebile go nyafatsa kafa kalafi e tshwanetseng go bereka ka teng.

Mme Motsokono o buile mafoko a, kwa pitsong ya Botsogo e e neng e rulagantswe ke ba Serowe District Health Management Team kwa motseng wa Sehunou bosheng. 

Mme Motsokono o gakolotse banni ba Sehunou ha kalafi le nnotagi di sa tsamaisane gothele ka jalo a re ba ba dirang jalo ba emise mokgwa oo. A re molwetse o kopanyang kalafi le nnotagi botsogo ja gagwe bosekitla bo tokafala ka nnotagi e kgoreletsa gore kalafi e bereke sentle mo molwetseng.

O tsweletse gape a tlhalosa fa bontsi ja nako balwetse ba ba kopanyang kalafi le nnotagi ba tshabelelwa ke go e togela/kgaosetsa mo tseleng, a re se se bakiwa ke gone gore nako yotlhe ba abo ba inakantse le nnotagi ba ikgatlholositse botsogo ja bone.

 A re go togela kalafi mo tseleng go borai fela thata, mo go kgonang go baka dintsho nako e molwetse a tla a bong a re o boela gape mo kalafing, a re go kgaopetsa kalafi  bogolo jang mo balwetseng ba kgotholo e tona go kgona go baka bolwetse jo bongwe ja kgotholo e tona jo bo bidiwang Multi Drug Resistant TB,  a re fa molwetse a le mo seemong kalafi e kgona go mo gana gotlhele.

Mme Motsokono o kopile balwetse gonna pelotelele mo kalafing ya bone ka a re etaare ko bofelong ba bone maduo a teng a nametsang.

Re santse rele foo, Mme Motsokono o kopile banni ba Sehunou go tlhokomela balwala tlhaloganyo, ka a re le bone ke batho hela jaaka botlhe, a re o utusiwa botlhoko ke ditiragalo dingwe tse balwala tlhaloganyo ba dirisiwang botlhaswa, a re go dira jalo ke bosetlhogo ebile go sa supe mowa setho.

O ba kopile gofa balwetse ba tlhaloganyo lorato ka nako tsotlhe, ba seka ba  itse fa ele batho fela fa ba setse ba batla go ba dirisa botlhaswa. 

O tsweletse gape a kopa banana ba Sehunou go emisa diritibatsi tse di tshwanang motokwane, ka a re bontsi ja dintwa, dipetelelo le borukuthi di diragala morago ga batho ba sena go goga ditagi ka ba abo ba sa akanye sentle ebile ba sa itse se ba dirang.

O weditse ka go kopa batho ba ba ratholang bojalwa ja setso bo akaretsa khadi le mokuru go emisa go tsenya metswako e mengwe gape mo teng ba re ba bo oketsa bogale, a re molao otlaa gagamaletsa bao ba ba fitlhelwang ba tsentse metswako e se la letelelweng mo bojalweng. 

O kopile batsadi go emisa mokgwa wa go rekisisetsa bana nnotagi, a re o itse fa ba le mo kgwebong mme go dira jalo ke go senyetsa bana bokamoso, ka ele bone bagogi ba kamoso. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mariam Onyafetse

Location : Serowe

Event : Pitso

Date : 18 Feb 2015