Breaking News

Kitso ya thuso ya potlako konokono

17 Feb 2015

Mogolwane mo lephateng la metsi (water affairs) Rre Ngaparelang Makwete,  o kaile fa dithuto  tse di amang thuso ya potlako ga mmogo le tshireletsego ya melelo mo lephateng le le dirang ka dikhemikhale e bile le tshabelelwa ke dikotsi jaaka la phatlalatso ya metsi di le botlhokwa fela thata.

O buile se mo thuto-seka dipuisanong e e neng e tshegeditswe ke lephata leo mo Mahalapye bosheng ka maikaelelo a go rutuntsha badiri ka thuso ya ntlha ya potlako le itshireletso kgatlhanong le melelo.

Rre Makwete a re gore ba tshware dithuto tsa mothale o ba gwetlhilwe ke diemo tse ba fitlhelang bangwe ba badiri ba bone ba direla mo go tsone tse di amang pabalesego ya bone, ka go le gantsi ba tlhagelwa ke dikotsi tse di tlhokang go ka potlakelwa mme ka go tlhoka bone boitseanape ja go neela thuso ya ntlha ba bee fela mo go ba bongaka.

A re dikotsi tse badiri ba lephata ba kopanang natso di akaretsa go gatlhamelwa ke dikhemikhale gammogo le go longwa ke dinoga. Ka jalo o boletse fa a itumeletse dithuto tse fela thata ka a re di ya go dira pharologanyo e tona mo bodireding ja bone. 

Rre Makwete a re gape ba tlaa simolola go itse tiriso le tlhokomelo ya ditimamolelo tse ba ntseng ba na le tsone mo lephateng ntswa ba sa itse tiriso ya tsone, gammogo le go ruta badiri gore ba tshwanese go tsiboga jang fa go na le molelo o o shang mo dikantorong.

O tlhalositse fa e ya gore morago ga dithuto ba ye go itlhamela komiti e e itebagantseng le dithuso tsa potlako ba itebagantse le melelo. A re ba tsile go ikgolaganya thata le lephata la melelo fa bothata bo tlhagogile, a re se setona e le go ela tlhoko gore lephata le nna le le malalaalaotswe ka dinako tsotlhe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mpho Maswikila

Location : Mahalapye

Event : Thuto puisano

Date : 17 Feb 2015