Botsalano bo ka tokafatsa ditirelo
17 Feb 2015
Botsalano jo bontle fa gare ga setshaba le bodiredi jwa botsogo bo ka thusa mo go tokafatseng ditirelo.
Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lephata la thibelo malwetse, Mme Sally Ngwako, kwa pitsong ya botsogo e e neng e rulagantswe ke ba Serowe District Health Management Team kwa Sehunou bosheng.
Mme Ngwako a re go aga botsalano jo bontle fa gare ga batho ke selo se sentle ka jaana ba bopagana ka dinako tsotlhe go fitlhelela tse ba eletsang go di dira.
A re ba bone go le maleba gore ba iphe nako gore ba ye go tlhola le morafe wa Sehunou, ka a re botlhokwa jwa pitso e ke go fa morafe sebaka sa go nna le bone go buisanwa gore ba ba nang le matshwenyego le dingongorego tebang le ditirelo tsa botsogo ba a ntshe ba phuthogile gore ba tle ba fiwe tlharabololo, ba botse ka dingwe ditirelo tse ba sa di tlhaloganyeng.
A re ke yone nako ya go amogana megopolo gore ditirelo tsa botsogo di ka tokafadiwa jang gore ko bofelelong mongwe le mongwe a bo a itumetse. Mme Ngwako o tsweletse a kgothatsa banni ba Sehunou go tsaya maikarabelo a botsogo ja bone, a re boitshwaro jwa rona ke jone botsogo jwa rona, a re ba na le tshwanelo ya go itse dielo tsotlhe tsa ditirelo tsa botsogo, ka a re fa ba na le kitso ya tsone ba tlaa itse pharologanyo fa ba sa fiwe ditirelo ka fa go tshwanetseng le fa ba di fiwa sentle.
O gakolotse banni go phuthologa fa ba tsena ko dikokelong, a re ba kaye malwetse a bone sentle ba sa fithe sepe ka a re go dira jalo ba tlaa fiwa thuso e e maleba. Erile fa ba ntsha matshwenyego a bone, banni ba Sehunou ba ledile ka go bona ditlamelo tsa botsogo bokgakaleng, ba re gore ba bone dithuso tsa bongaka ke gore ba tseye mosepele ba ye Motshegaletau ko kokelong ya Russel May.
Banni ba re go tswa mo Sehunou go ya Motshegaletau ke mosepele fela o mo leele, ka jalo o fitlhela balwetse ba bangwe ba gateletswe mo ba ka se kgoneng go tsamaya lobaka kgotsa ba ka nna ba tlhaelela mo tseleng segolo jang bagodi le ba ba gateletsweng thata mme bare ba kopa gore ba lephata la botsogo ba ba thuse ka koloi ya kalafelo gore bagolo ba kgone go tsaya ditirelo tsa botsogo jaaka go kala bana le dipilisi gautshwane.
Erile fa a ba araba, Mme Ngwako o ne a ba tlhalosetsa fa lephata la gagwe le ba ba maleba ba lwantshana le go bona gore ba ka rarabolola jang seemo se ka e se lantlha ba utlwa selelo sa bone. Go ntse go le foo banni ba ne ba gakololwa go itlhatlhobela malwetse a tshwana le kankere le sukiri nako e santse e le teng, ka fa a bonwa a santse a le masha a kgona go alafesega gona le fa a tshwarwa a setse a jweleletse.
Rre Mogomotsi Samson, mooki wa botsogo ja setshaba o tsweletse a tlhalosetsa banni fa go na le ditokafatso tse di dirilweng mabapi le kankere ya molomo wa popelo, a re erile ba lephata la botsogo ba lemoga fa bontsi ja bomme ba fela ntateng ya kankere ya molomo wa popelo ba tla ka lenaneo la go kenta bana ba basetsana ba ba dingwaga tse di boferabongwe go ya ko go tse di lesome le boraro. .
A re lenaneo le, e tlaa re kgwedi yone e ya Tlhakole e tlhola masome a mabedi le boraro goya ko go masome a mabedi le bosupa le bo le simolola ko dikolong mme go tlaa bo go kentiwa bana ba basetsana ba ba dirang mophato wa botlhano go ya go fitlha wa bosupa, a re bana ba ka go solofelwa fa ba ise ba tlhakanele dikobo ka jalo ba sena mogare o o bakang kankere ya molomo wa popelo o o bidiwang Human PapillomaVirus, ka jalo mokento o o ya go ba sologela molemo thata ka o tlaa thibela gore ba seka ba tsenwa ke mogare o.
Rre Samson a re godimo ga moo go tlaa bo go kentiwa bana ba basetsana ba e leng gore ga ba tsene sekolo le bone ba le dingwaga tse di ferang bobedi go ya ko go tse di lesome le boraro. O weditse ka go gakolola batsadi go tswelela ka mowa wa tirisano mmogo le ba lephata la botsogo fa mokento o setse o abiwa, a re le ko dikolong ba tlaa isa dithuto pele ko baneng pele ga ba o simolodisa, a re poeletso ya mokento o ya go diragala gape morago ga dikgwedi tse thataro.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mariam Onyafetse
Location : Serowe
Event : Pitso
Date : 17 Feb 2015