Breaking News

Kgosi o rotloetsa kotlhao ya bana

17 Feb 2015

Kgosi Jeremiah Chinguli wa Dagwi mo kgaolong potlana ya Tutume a re go botlhokwa gore batsadi ba kgaleme gape ba otlhae bana fa ba inaakanya le boitshwaro jo e seng jone. 

Kgosi Chinguli o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re kgalemo le kgotlhao e batsasdi ba ka e fang bana e ka thusa go fokotsa boitshwaro jo bo sa kgatlhiseng jo bangwe bana mo motseng ba tsweletseng ka go bo supa.

A re dilo tse di fatlhang di akaretsa boimana jwa dingwaga tse di ko tlase, manyalo a a sa rulagangwang ka fa moalong, go tlogela sekolo, go thukutha batho bosigo le tse dingwe ka go farologana tse bangwe ba tsweletseng ka go inaakanya le tsone di tsweletse ka go golela pele mo motseng. Kgosi Chinguli a re boitshwaro joo bo ka fokotsega fela  fa batsadi kwa gae ba ka nna le seabe tebang le kgalemo ya bana.

A re batsadi ke bone ba ka rotloetsang bana go ikgapha ka go ntsha lentswe la kgalemo le le tseneletseng ga mmogo le dikgakololo tse di maleba. Kgosi Chiunguli a re ntle le gore batsadi ba tsenye letsogo mo kgalemong ya bana ditiro tsa botlhoka tsebe di tla tswelela e le kgwetlho gape di golela pele. Kgosi a re ga go ope ngwana yo o tshwanetseng go golela motsadi, a tlatsa  ka gore batsadi ba seka ba tlogela bana go dira boithatelo ka seo le sone se ka  rotloetsa boitshwaro jo e seng jone.

Go sale foo kgosi Chinguli o bile a kgala bangwe batsadi ba ba kgatlhanong le kotlhao ya bana, a re bangwe batsadi ba dumalane le gore bana ba bone ba ka otlhaiwa kwa kgotleng fa ba bonwe molato. A re go otlhaya ngwana ke tsela e e tswang goo-lowe e dirisiwa, a supa fa e le yone gape tsela e e neng e dirisiwa go bontsha ngwana tsela ya nnete.

Kgosi o bile a kgala gape bangwe batsadi ba a reng ba bipa mpa ka mabele, a re le ntswa bana ba bone ba dirile sengwe se se kgatlhanong le molao ba nna fela ba sa bege dikgang tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : TUTUME

Event : Potsolotso

Date : 17 Feb 2015