Tonki e a boga
17 Feb 2015
Kgokgontsho ya ditonki ke tiragalo e e anameng le le lefatshe leno mme ga go na ope yo o iphesang go tsaya kgato kgatlhanong le bosetlhogo jo.
E rile fa a bua mo potsolotsong bosheng, kgosi wa Gumare Diteko Salepito a bolela fa se e le kgang e e diragalang malatsi otlhe. O tlhalositse fa tonki e itewa mo go feteletseng ke badirisi ba yone go dirisiwa melamu e o ka reng go bolawa tlou fa ba bangwe ba dirisa le ditshipi tota.
Kgosi Salepito a re se se utlwisang botlhoko ke gore bangwe ba e betsa jaana le mororo yone e tsweletse e goga kgotsa e siana. Kgosi o buile gape kgatlhanong le go berekisiwa mo go feteletseng ga seruiwa se, a re motho o kgona go tlhola a e dirisa go lema kgotsa go goga matlhaku mme morago a e palame e ntse e lapile jalo.
A re e tlaa bo e itewa mo go utlwisang botlhoko gore e ise mopalami kwa a batlang teng. Kgosi Salepito a re go lebega batho ba tlotla diruiwa tse dingwe go feta tonki, segolo jang pitse le kgomo.
A re le fa le tsone di na le go kgokgontshiwa, ga tonki gone ke matlhotlhapelo. Kgosi o boletse fa tonki e le yone seruiwa sa konokono ka e le yone e dirisiwang mo go gogeng sekotsekara se e leng koloi ya kwa magaeng, go goga matlhaku le mapako a go aga tshimo ga mmogo le go tlhatlhela dikgomo.
Kgosi o ngongoregile gape ka go tshujwa ga diruiwa ka tshipi ya lotshwao, a re batho bangwe ba tobeletsa tshipi e thata mme e tlogele ntho e e masisi.
Kgosi Salepito o ikuetse mo setshabeng go emisa bosetlhogo jo. E rile fa a akgwa kgosi kgaba, mogolwane wa motse oo, Rre Bonang Kamanakao a re se ke kgang e e tshwenyang e bile e setse e tlwaelesegile ka batho ba itebisitse go sele.
A re bosheng ba ne ba bona tonki e pannwe ka terata e bile e lebega e le mo botlhokong jo bo seng kana ka sepe ka e ne e tshologa madi fa e bofilweng teng.
Rre Kamanakao a re tonki e ne e eme golo go le gongwe le go fula e sa fule mme e rile ba leka go e thusa ga retela ka e ne e lwa e sa batle motho fa thoko ga yone mme ya felela e sule ke lenyora, tlala le botlhoko. Rre Kamanakao o kopile morafe go tlhokomela tonki ka e le tlhaga gape e sa tshabelelwe ke malwetse. A re tonki ke yone e tsamaisang ditiro tsa moraka.
O ne a fetsa ka go kopa Batswana go nna kelotlhoko fa ba bofelela diruiwa tsa bone go itsa go di kgama kgotsa go di gobatsa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atomic Thaba
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 17 Feb 2015