Bakgweetsi ba kopiwa go obamela matshwao a tsela
17 Feb 2015
Mogolwane wa mapodise a Mochudi o kopile bakgweetsi go obamela matshwao a tsela nako tsotlhe fa ba le mo ditseleng.
Superintendent Sitale o buile seo mo potsolotsolong bosheng morago ga gore ba begelwe dikotsi tsa tsela di le pedi kgwedi eno e le lesome le bone mo tseleng ya A1.
A re ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone dikoloi tse pedi tse a tlhalositseng fa di ne di tlhomagane di ne tsa thulana morago ga gore e nngwe e ne e leka go fapogela mo mojeng a tlhalosa fa dikoloi tseo ka bobedi di ne di tswa borwa di ya bokone.
O tsweletse a re mo kotsing eo go ne ga gobala mosimane wa dingwaga tse thano mme a re o santse a robaditswe kwa sepateleng sa Deborah Retief Memorial a tlatsa ka gore mosimane yoo o bone dikgobalo mo molaleng.
Mo kotsing e nngwe dikoloi tse pedi tse di neng di gogana, mogolwane wa mapodise a re dikoloi tseo di ne di tswa borwa di ya bokone mme a re e nngwe e e neng e le ko pele e ne ya ema (brake) mme e e ko morago ya ithula mme ya tswa mo tseleng . A re koloi eo e ne ya thulana le bese ya setshaba e e neng e tswa bokone e ya borwa a tlatsa ka gore batho ba ba neng ba le mo beseng ba ne ba alafelwa dikgobalo tse di potlana.
Le fa go ntse jalo o tlhalosa fa monna yo o dingwaga di le masome a mane le bobedi yo o santse a robaditswe ko sepateleng sengwe sa private kwa Gaborone ke ene a boneng dikgobalo tse di masisi ga mmogo le Mme yo o dingwaga di le masome a mararo le bongwe yo mogolwane wa mapodise a tlhalositseng fa ba ise ba itse gore ene o robaditswe ko sepateleng sefe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : Mochudi
Event : Potsolotso
Date : 17 Feb 2015