Ditsela di tlaa tewa maina
17 Feb 2015
Dikgosi tsa Mahalapye di amogetse mogopolo wa badiri ba lephata la ditsela mo khanseleng, wa go bitsa ditsela tsa motse maina.
Dikgosi di amogetse mogopolo o mo phuthegong ya kgotla e e neng e biditswe ke bagolwane bao go lekodisa baeteledipele ba motse ka maikaelelo a go bitsa ditsela tsa motse maina.
Kgosi Alexander Modise wa Mowana, Kgosi Nelson Dipatane wa Konyana le Kgosi Segolame Diseko wa Parwe ba re le fa ba itumelela mogopolo wa go bitsa ditsela tsa motse maina ba tshwenngwa ke gore dingwe tsa tsone di dikhuti fa tse dingwe e le mebila e e sa kgoneng o tsamaega ka e le dikgokgotshwana.
Ba re khansele e tshwanetse go baakanya ditsela tseo pele ga di ka bidiwa maina le go rerisana le morafe ka kgang eo ka e le bone ba tshwanetseng go tswa ka maina a ba bonang a lebane go reelela ditsela.
Kgosi Dipatane o rile ere ka jaana go bitsa ditsela tseo ka maina a batho go ka tsosa dikgotlhang, o bona gole botoka ditsela tsa Mahalapye di ka reelelwa ka maina a diphologolo le dinonyane.
E rile mogolwane wa ditogamaano tsa ditlhabololo tsa khansele ya kgaolo potlana ya Mahalapye Mme Godiramang Motlhagodi a tsibogela ngongorego ya dikgosi mabapi le go tlhoka go rerisiwa ga morafe ka kgang eo, a bolela fa ba setse ba kile ba kopanela kgang eo le dikgosi gammogo le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse.
Mme Motlhagodi o boletse fa maikaelelo a bone ele go tshwara diphuthego mo dikgotlaneng tsotlhe tsa motse wa Mahalapye go lekodisa morafe ka mogopolo wa go bitsa ditsela tsa motse wa bone maina gore le bone ele banni ba Mahalapye ba kgone go nna le seabe.
A re ditsela tseo di ka bidiwa ka maina a batho, diphologolo, dinonyane le dimela tsa tlholego jaaka ditlhare, makhubu le dinoka, mme a re ga go a tshwanela gore ditsela tseo di ka bidiwa ka maina a tsamaelanang le phathi epe ya sepolotiki ka go dira jalo go ka tsenyang kgotlhang fa gare ga morafe.
Mme Motlhagodi o boletse fa gole botlhokwa gore ditsela tsa metse e metona jaaka Mahalapye di bidiwe maina a ka kgonang go kaela baeng segolo jang bajanala kwa ba ba tlang go ya teng le go kaela batho kwa mafelong a ba ka bonang dithuso teng jaaka kokelo, dikokelwana, kappa ya mapodise le tse dingwe.
A re maina a ditsela a botlhokwa ka jaana a kgona go thusa ba dibetso tsa tlholego jaaka ba sepodise le ditima melelo go potlakela kwa mafelong a ka tswang a amilwe ke ditiragalo di tshwana merwalela, dikotsi tsa tsela le go tlhagoga ga melelo.
Mogolwane wa lephata la ditsela mo khansele Rre Bafiti Monkatswi o boletse fa maina a ka dirisiwang go bitsa ditsela ele a diphologolo, dinonyane, dimela, makhubu, dinoka le maina a batho ba ba tlhokafetseng e bile ba diretse setshaba ka bokgabane le botswerere, mme a bolela fa maina a batho ba ba santseng bale mo botshelong a ka dirisiwa fela fa go kopilwe tetla kwa go tona wa lephata la dikgaolo le tlhabololo magae. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : Mahalapye
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 17 Feb 2015