Breaking News

Kgosi o bapatsa mokgatlho wa bomme

16 Feb 2015

Kgosi ya Tsamaya mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Kgosi Mbulawa Mbulawa o kopile maphata a puso, a a ikemetseng, babereki ga mmogo le setshaba ka kakaretso go ema mokgatlho wa bomme wa Penya Mwanana nokeng.

Mo potsolotsong bosheng, Kgosi Mbulawa a re maphata a tshwana le a ditsela a a tlhokang ditirelo tsa go phepafalediwa ditsela ba ka ikgolaganya le ba mokgatlho o go ba rotloetsa gore le bone ba kgone go bona lemmenyana la go itshetsa.  A re go na le gore ba nne ba thapa setshaba mo motseng nako tse dingwe ba ka dirisa mokgatlho o go dira ditiro tseo. 

O tladitse ka go re seo se ka thusa gape go tlhamela bomme ba bangwe ditiro ka ba mokgatlho oo ba tlaa bo ba tshwanelwa ke go thapa ba bangwe go ba thusa tiro.  Kgosi Mbulawa o galaleditse bomme ba mokgatlho o go bo ba tsile ka tsela e ba ka intshang mo lehumeng ka yone go na le go nna mo malwapeng ba lala ka tlala. Kgosi a re le bone ba tlaa leka ka bojotlhe mo motseng go rotloetsa fa ba tlhoka ditirelo tsa mokgatlho oo.

O rotloeditse Batswana go dirisa mananeo a puso go ithusa go intsha mo lehumeng ka ditiro di le thata go bonwa. A re o lebogela banana ba motse wa gagwe go bo ba dirisa mananeo ao ka bontsi ka seo se fokotsa le borukutlhi. Mokgatlho wa Penya Mwanana o kwa Tsamaya, mme o tlhamilwe ke bomme go tswa Tsamaya, Mowana, Jackalas 2 le Sivia. 

O tlhamilwe ke bomme ba ikgatile molomo wa tlase go bona gore ba malwapa a bone ga ba wele mo isong. Bomme ba, ba itlamile go thusana le puso go nyeletsa lehuma le le apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba. 

Go simologeng ga mokgatlho o ka 2010, modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Lindiwe Petros o tlhalositse fa o ne o itebagantse fela le go rutuntsha ngwana wa mosetsana yo o dingwaga tse di lesome go ya kwa go tse di lesome le bosupa ka dikgwetlho tsotlhe tse a kopanang le tsone mo botshelong fa a ntse a gola, tseo di akaretsa boimana, mosola wa thuto, mogare wa HIV ga mmogo le gone ka fa a tshwanetseng go itshwara ka teng.

O tlhalositse fa ka nako eo bomme ba ne ba sa tsenye moko mo dinameng go rutuntsha bana ka botshelo jwa ngwana wa mosetsana ga mmogo le dikgwetlho tse a kopanang le tsone. A re mokgatlho o, o ne o thusa bana bao fela thata ka bangwe ba ne ba setse ba itse go ikgapha mo go tse di borai. A re e re ka le bone ba ne ba tlhoka madi go reka dijonyana le melora ba ne ba bona go tshwanela gore ba atolose ditirelo tsa mokgatlho wa bone go ikgolaganya le tsa phepafatso. Ngogola ba lenaneo la nyeletso lehuma ba ne ba ba thusa ka P20 000 mme ba kgona go reka didirisiwa tsa go phepafatsa.

Leloko la mokgatlho oo, Mme Natshane Toitoi o tlhalositse fa ditirelo tsa bone di akaretsa go phepafatsa matlo, diofisi, mo manyalong e ka tswa e le go tlhatswa dipitsa le dijana kgotsa gone go phepafatsa lolwapa, matlwana a boitiketso, go kuba, go tlhatswa dikoloi le tse dingwe tse di tlhokanang le go phepafadiwa.

A re le ntswa ba leka ka bojotlhe go intsha mo lehumeng, ba kopana le dikgopi tse di akaretsang mmaraka, sepalamo le tse dingwe.  A re ba tlhoka koloi, segolo jang fa ba isa ditirelo tsa bone mo mafelong a a kgakajana. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Gladys Olebeng

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 16 Feb 2015