Lenaneo la Tirelo Setshaba le fa botsipa
16 Feb 2015
Puso ya lefatshe leno ke nngwe e batho ka bontsi segolo thata batswakwa ba e meletsang mathe ka e thusa banni segolo thata banana ka mananeo a a farologaneng go itshetsa.
Mongwe wa banana kwa motseng wa Dikgonnye mo kgaolong ya Kgatleng Mme Bokamo Lobisa yo o dingwaga di le masome a mabedi le bobedi o ne a tlhalosetse lekalana la BOPA mo potsolotsong fa lenaneo la Tirelo setshaba le mo thusa fela thata.
A re le fa lenaneo le simolotse ngwaga o o fetileng ka Moranang le mo fitlhetse a le malala a laotswe ka o ne a setse a inaakantse le lenaneo la banana la Youth Empowerment scheme le mo go lone a ne a thusa kwa kokelwaneng ya motse wa bone go tsaya botsipa.
O tsweletse fa a na le ngwaga tse tharo a ntse a direla kwa kokelwaneng ya bone.
Mme Lobisa o ne a tlhalosa fa e rile lenaneo leo le simologa a bo a ikwadisa mme ka lesego gape a bo a isiwa kwa kokelwaneng ya bone gape kwa a tlhalosang fa a ithuta ditirelo tse dintsi segolo thata tse di amang botsogo.
O ne a supa fa a thusa mo ditirong tse di akaretsang go kala bana, go phuthela dipilisi (package pills) le gone go phepafatsa tota.
“Se ke se ratang thata ke gore ke a rutega tsatsi le letsatsi fa ke sa itse sengwe ke a bontshiwa gore go dirwa jang mme ebile se ke se ratang thata ka batho ba ke berekang le bone ga ba fele pelo ba nthuta fela ka bo-tswa pelo,”ga tlhalosa Bokamo.
O ne a tswelela a supa fa sa le lenaneo leo le simolodisiwa go na le pharologanyo mo botshelong jwa gagwe a tlatsa ka gore kwa ntle ga botsipa jwa a bo tsayang o kgona go ithekela melora go na le lantlha ka o ne a kopa madi mo batsading ba gagwe.
A re maikaelelo a gagwe ke go kokotletsa madi gore a kgone go itsenya sekole mme a dira dithuto tse di tsamaelanang le se a se dirang kwa kokelwaneng gore a kgone go bona tiro ya sennela ruri.
“Le fa madi a teng a se kalokalo mme gone ke tla ititaya ka thupana gore bonnyennyane jo bongwe ke bo boloke go tsweledisa botsipa jwa me mm eke le mo tirong e seng ka lenaneo la tirelo setshaba”’ ga tshwaela Bokamo.
A re se se mo itumedisang le go feta ke gore o kwaletswe lokwalo (reference) e e supang gore o ne a bereka kae le boitsholo jwa gagwe e ne e le jo bo ntse jang se a kaileng fa a na le tsholofelo ya gore o tla a bona tiro ka lone.
Mme Lobisa o ne a supa fa a lebanwe ke dikgwetlho tse a kaileng fa nako tse dingwe di kgoreletsa tiro ya gagwe a re ga a fiwa diaparo tsa itshireletso fa a theogetse a tlatsa ka gore nako tse dingwe ba a dirang le bone ba patelesega go mo adima tsa bone.
A re kgwetlho e nngwe ke fa a batla go tsaya malatsi (leave) a supa fa go se motlhofo gore a a tseye a tlhalosa fa le ba a dirang le bone ba sena lesedi la gore malatsi o a tsaya jang ba supa fa ba sa tlhalosediwa sentle le bone.
O ne a supa fa kgwetlho e nngwe ke go tlhoka sepalamo fa a ya go tsaya dikatso tsa gagwe kwa Mochudi a tlhalosa fa nako tse dingwe fa a tsena gone kwa Mochudi o fitlhela madi a ise a nne teng se a tlhalositseng fa se mmabalela thata ka a tlamega go boela kwa Dikgonneng gape.
Le fa go nste jalo o ne a supa fa dilo di fetogile ka jaanong a diretswe karata ya banka, a re ene sa gagwe ke go emela madi ka molaetsa wa mogala wa letheka fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mary Mofaladi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 16 Feb 2015