Breaking News

Ba Dikgonnye ba gatetse pele

16 Feb 2015

E re ka jaana puso ya lefatshe leno e atolositse letsogo ka go dira mananeo a a farologaneng go tokafatsa matshelo a Batswana banni bangwe kwa motseng wa Dikgonnye ga ba batle go salela kwa morago mo mananeong ao.

Mo potsolotsong le BOPA Mme Lucky Molebatsi yo o dingwaga tse di masome a mane le borataro (46) o ne a tlhalosa fa a ne a fiwa dipodi di le lesome le botlhano ka lenaneo la nyeletso lehuma go tokafatsa botshelo jwa gagwe.

A re dipodi tseo o di filwe ngwaga o o fetileng a tlhalosa fa tse dinamagadi di ne di le lesome le bone fa e tonanyana e le nngwe a tlatsa ka gore le fa gone e le nngwe ile ya swa tsone di mo seemong se se siameng.

Mme Molebatsi o tlhalositse le fa dipodi tsa gagwe di ise di tsale a re o na le tsholofelo e ntsi ya gore nako e di tsalang di ya go fetola botshelo jwa gagwe fela thata le fa go ntse jalo o ne a supa matshwenyego a gore ga a ise a isiwe dithutong tse di ka mo thusang fa dipodi di tlhasetswe ke bolwetse.

O ne a supa fa gape gore la fa gone a kgona go di e tlhokomelela o tlhokana le dithuto tse di ka mo fang kitso gore fa podi e na le bolwetse a kgone go itse gore o di rekela melemo efe.

Mme Molebatsi o ne a tlhalosa fa a sa bereke gope a itshetsa ka lenaneo la Ipelegeng mme o ne a supa fa a ikaeletse go kokotletsa dipodi tsa gagwe pele a simolola go di rekisa.

O ne a kgothatsa bao ba ba santse ba saletse kwa morago mo mananeong ao go inaakanya le one a kaya fa a ka fetola matshelo a bone a tlatsa ka gore le bone ba ba filweng ba a a tsee ka tlhoafalo.

Fa a tswa la gagwe Mme Dolly Molefe yo o dingwaga tse di masome a mararo le bosupa a re o ne a fiwa tshingwana ya merogo a tlhalosa fa a e filwe ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Phukwi.

A re mo tshingwaneng ya gagwe o lemile ditamati le perehere tse a tlhalositseng fa di rekwa sentle mo motseng.

O ne a tlhalosa fa sa le a supa kgatlhego ka go dira tshingwana ka ngwaga wa 2005 mme morago ga moo Molemisi mo motseng wa bone a mo rotloetsa go tswelela a lema mme a mo fa botsipa jwa go dijalo gore a leme dife ka dipaka di a farologana.

Mme Molefe o ne a supa fa sale nako eo a bo a inaakanya le tshingwana ya gagwe go fitlhela go tla lenaneo la nyeletso lehuma le le kgonne go tlhabolola tshingwana eo.

O ne a tlhalosa gore le fa gone a sa bone dipoelo tse di nametsang mme gone o kgona go itshetsa le bana ba gagwe ba a tlhalositseng ba le barataro mme a kgona go ba rekela dijo le melora.

A re mo nakong eno o santse a kokotletsa madi go ya go reka dipeo tse dingwe gore a kgone go jala gape a tlhalosa fa a sa fiwa dipeo a tshela ka go kopa mo go ba bangwe.

O tsweletse gape a re sebe sa phiri ke gore badirela puso ba ba neng ba mo abela tshingwana eo ba maoto a tshupa go tla go lekola le gone go tlhola gore a mme o tsamaisa kgwebo ya gagwe sentle a tlatsa ka gore sa le a ba bona la bofelo ka nako e ba ne ba mo abela tshingwana eo.

Mme Molefe o tlhaloseditse BOPA gore le fa gone a dira sentle o lebanwe ke kgwetlho ya go duela metsi a supa fa madi a metsi a le kwa godimo thata mme o ne a re seo ga sena go mo kgoba marapo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 16 Feb 2015