Leroborobo poela morago
16 Feb 2015
Lenaneo la nyeletso lehuma la thuso ya dikoko le tsweletse ka go lebaganwa ke dikgwetlho mo tsamaong ya lone bogolo jang malwetse a tsone.
E ne ya re ngwaga o o fetileng, morago ga gore barui ba dikoko kwa motseng wa Dikgonnye mo kgaolong ya Kgatleng ba welwe ke seru sa bolwetse jwa leroborobo bo bolae dikoko tsa bone. Bomme Mmaditlhareng Lekwete le Sadi Ntollo ba ne ba simolola thuo ya dikoko tseo ngwaga o o fetileng mme morago ga nna le bolwetse jwa dikoko jo bo neng jwa ba sia ba iphotlhere.
Mme Lekwete yo o dingwaga tse di masome matlhano le bone a re o simolotse thuso eo ngwaga o fetileng ka Motsheganong ka dikoko di le masome mabedi le botlhano. A re morago ga go simolola thuo eo, o ne a tlhaselwa ke bolwetse jwa leroborobo mme jwa leleanya dikoko tsa gagwe ka bontsi.
Mme Lekwete a re o ne a nna lesome ga sala dikoko di le lesome le bosupa tse a simololang go kokotletsa gape ka tsone. A re o dumela gore fa e ne e se bolwetse o ka bo a tsamaya kgakala mo kgwebong ya gagwe bogolo jang ka batho ba rata nama ya koko ya Setswana.
O ne a tlatsa ka gore batho ba na le keletso ya go reka nama eo mme ga a kake a rekisa ka gore o tshwanetse a kokotletsa pele mme morago ke gone a rekise.
Morui ka ene Mme Ntollo yo o dingwaga tse masome mararo le borobabobedi a re dikoko tsa gagwe di ne tsa thuba dikokwana di le masome mararo le borobabobedi mme morago tsa thuba lesome le botlhano.
A re le fa go ntse jalo e rile morago ga katlego eo bolwetse jwa Laila dikokwana tseo mme seo e nnile poelo morago e kgolo ka gore o ka bo a setse a le kgakala.
Bobedi joo ba re bo leboga thata badirelapuso ba mananeo a nyeletso lehuma ka gore ba ba lekola kgapetsa kgapetsa mme e bile le bone ba ba lemotsha mathata le dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo thuong ya bone.
Ba re e re le ntswa ba ne ba isitswe dithutong tsa go tlhokomelo dikoko, bolwetse jwa leroborobo bo ne jwa ba potlakela ka bonako mme yare ba santse ba ipotsa gore go rileng ba bo ba latlhegetswe fela thata. Ba re mathata a bolwetse joo ke gore ga bo laolesege sentle mme fela ba na le tshepho mo thuong ya bone ka jaana letsatsi lengwe ba tla atlega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Potsolotso
Date : 16 Feb 2015