Breaking News

Nteletsa II ga e dire sentle kwa Dikgonnye

16 Feb 2015

Lenaneo la Nteletsa II le le diretsweng go gokaganya metse e e kgakala le ditlamelo ka ditlhaeletsanyo ga le dire sentle kwa motseng wa Dikgonnye.

Motshwara madi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Dikgonnye Mme Lucy Palai a re e sale ba fiwa ofisi eo ya nteletsa II ka 2010, maranyane a internet ga a ise a dire sentle mme seo ke poelo morago mo motseng wa bone.

A re ba ikuetse kwa go ba Botswana Telecommunications Corporation mme ga go nko e tswang lemina le fa bangwe ba bone bakile ba tla kwa go bone go lekola gore ba dira jang.

Mme Palai o ne a supa fa e rile ka ngwaga wa 2012 bangwe go tswa kwa ofising ya BTC ba tla go tsaya sebalamakgolo sa internet mme ba sale ba ile ka yone nako eo.

A re mo nakong ya gompieno ba emetse dithuso go tswa kwa ofising eo mme a supa fa e ene yare mo malobeng ba bangwe ba tla go ba lekola mme ba supa fa ba tla sala kgang eo morago ba sa itse fa moleta kgwedi a letile lefifi.

Palai o ne a supa fa ka nako e ditlhaeletsanyo tseo di neng di bereka sentle go ne go le motlhofo go dira meriti ya Omang le go ntsifatsa tse dingwe mme e bile batho ba sa sokole ka go tsaya mosepele ba ya Mochudi go dira dilo tseo.

A re mo nakong ya gompieno banni ba motse oo ba sokola ka jaana ba ya Mochudi go dira meriti le go ntsifatsa dipampiri.

Mme Palai o ne a supa fa fax le motshine o o ntsifatsang di sa dire ka lebaka la go tlhoka pente ya one mme ka jalo ba sokola fela thata.

A re e ntswa sebalamakgolo se sengwe se bereka ga gona gore ba ka printa jang ka motshine o o le one o batla pente.

A re e ka jaana bontsi jwa bone ba sa itse sentle gore mengwe ya metshine eo e bereka jang go botlhokwa gore ba rutwe gore ba tle ba kgone go thusa setshaba sentle.

Mme Palai o ne a kopa ba kompone ya BTC go ba tswa thuso ka jaana banana ba sokola go batla dingwe mo dibalamakgolong ka go sena maranayane ao a internet. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Potsolotso

Date : 16 Feb 2015