Botsogo ke boikarabelo jwa motho
16 Feb 2015
Ba sekole sa ithutelo booki sa Gaborone, ba ne ba tshwere letsatsi la botsogo kwa motseng wa Tlokweng.
Erile a amogela baeng Kgosikgolo Puso Gaborone, a kopa Batswana go opela pina ya setshaba ka mashetla, ka tlotlo le gone gore ba ipele ka yone.
Kgosi o supile gore ba botsogo ba ka dira tsotlhe go tsisa ditlamelo kwa go bone, ba ba tlhatlhoba, ba bo ba ba bolelela gore ba tsogile jang, mme fa batho ba sa tseye kgato ga gona sepe se se ka siamang.
O kopile Batswana go tsaya botsogo jwa bone ka tlhoafalo le gore fa ba ikutlwa ba sa ikutlwe sentle ba ye go itekodisa bo botsogo, gore e re ka ngwaga wa 2016 ba bo ba itekanetse.
Mogokgo wa sekole sa I.H.S mme Thokgamo Boitshwarelo, o ne a supa fa sekole se se ruta bana ka tsa botsogo jaaka baoki ba ba belegisang, ba ba idibatsang balwetse fa ba ya loarong, ba ba tlhokomelang botsogo jwa legano le bodiredi jwa melemo le go e isa kwa bathong.
Mme Boitshwarelo o supile fa mangwe a maitlamo a bone e le go ikgolaganya le maphata le metse ka ditirelo tsa bone.
O supile gape fa ba itshwaragantse le ba mmadikole [UB] a supa fa ditlankana tsa dialogane tsa bone di dirwa kwa mmadikole. Mogolwane go tswa kwa lephateng la botsogo ebile e le sebui sa tlotla mme Manana Leburu, o supile fa moono mogolo wa sekole seo e le go itshwaraganya le bodiredi le setshaba.
O supile fa ba I.H.S e se la ntlha ba dira tiro ya go tshwana le e, a bo a supa gore ke selo se se molemo gore Batswana ba latisiwe ditirelo, a supa fa malwetse a mangwe a kgona go nna mo bathong mme a sena dikai.
O boletse gore malwetse a tshwana le a kankere ya legano, ya molomo wa popelo, madi a matona le bolwetse jwa sukiri e le mangwe a malwetse a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba, a bo a supa fa a ka kgonwa fela fa Batswana ba ka tsaya boikarabelo.
O kopile Batswana go ikanya go ja dijo tse di nang le dikotla jaaka dinawa, bogobe, morama le maungo.
Mme Leburu o gakolotse Batswana gape go itshidila mmele ba dirisa methale ya tlholego jaaka go tsamaya ka dinao, go setla le gone go feela mo lwapeng.
O supile gape fa go robala sentle le gone go le botlhokwa, a supa fa Modimo a tlhodile motho a itse gore mmele wa gagwe o tshwanetse go ikhutsa.
O boletse fa mongwe le mongwe a tshwanetse go nna le seabe sa go hema malwetse, a tlhalosa fa go thibela go le botoka go na le go alafa.
Mme Leburu o boletse fa banana ba na le dikgwetlho tse dintsi tsa botshelo jaaka go dirisa ditagi, go nwa bojalwa phetelela, go kopisa mo go ba bangwe le go sa itshetlela mo maikutlong.
O boletse fa ba lekgotla la ditshaba la World Health Organisation [WHO] ba gakolola gangwe le gape ka botsogo. A bo a bolela fa botsogo e le jwa mowa le jwa mmele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Tlokweng
Event : Letsatsi la botsogo
Date : 16 Feb 2015