Badiredi ba kopiwa go ikgolaganya le morafe
16 Feb 2015
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi o kopile badirelapuso ba ba direlang kwa Takatokwane mo kgaolong potlana ya Letlhakeng go tsibogela go isa ditirelo gangwe le gape kwa setshabeng.
Fa a bua mo bokopanong le badirelapuso ba maphata a a farologanyeng kwa motseng oo bosheng ,Rre Batlhophi a re go lemosega fa batho ba metse e e kgakala le ditlamelo ba saletse morago mo go inaakanyeng le mananeo ka ntlha ya go tlhaela kitso ka mananeo a puso e a ntshitseng a go ba namola mo lehumeng.
A re ka jalo go botlhokwa thata gore badirelapuso ba e leng bone baanamisi ba mananeo ba ikgolaganye le morafe gagwe ka go rulaganya malatsi a tshwana le go isa ditlamelo kwa setshabeng le go rulaganyetsa bagwebi ba ba thusitsweng ka mananeo a tshwana le la nyeletso lehuma letsatsi la mmaraka go rotloetsa dikgwebo tse dipotlana.
O tlhalositse fa go le botlhokwa thata gore morafe o nne le kitso le gone go tlhaloganya ka dithuso tse puso e di tlhamileng go thusa Batswana,mme a kaya fa seo se ka kgonagala fela fa badirelapuso ba ka etela morafe mo dikgotleng go ba tlhatlhelela.
Modulasetilo wa khansele o ne gape a kopa ba ofisi ya boipelego go lekola morafe kgapetsakgapetsa fa ba sena go ba abelwa dithuso tse di farologanyeng go ba fa dikgakololo le go ba tswa thuso fa ba aperwe ke dikgwetlho mo go tsamaiseng dikgwebo tseo.
A re fa go na le tshwaragano magareng ga baeteledipele ba metse e e farologanyeng, badirelapuso, mapolotiki le setshaba ka kakaretso maiteko a puso a go nyeletsa lehuma mo lefatsheng leno a ka tswa maduo a a nametsang.
O ne a tswelela ka go supa fa go sa thuse sepe gore ka nako tsotlhe mapolotiki le badirelapuso ba supasupane ka menwana mme ba kopanye ditlhogo go tswa ka maano a a ka fedisang dikgwetlho tse di lebaneng setshaba sa lefatshe leno. Fa ba mo kgwa dikgaba, badiri ba maphata a a farologanyeng ba ne ba dumalana le modulasetilo fa bontsi go lebega bo santse bo tlhokana le thuto e e tseneletseng ka mananeo a a leng teng a puso a a itebagantseng le go tokafatsa matshelo a bone.
Rraboipelego yo mogolwane kwa Takatokwane, Rre Gerald Mahumba o supile fa ba tla leka ka bojotlhe go rulaganya malatsi a tshwana le la mmaraka,go isa ditlamelo kwa setshabeng le go tshwara diphuthego tsa kgotla go leka go amogana le setshaba thuto ka ditlamelo le dithuso tse ba ka di fitlhelang mo diofising tsa bone.
Le fa go ntse jalo, o ne a supa fa ba lebanwe ke dikgwetlho di tshwana le tlhaelo ya didirisiwa ka ba kgona go nna sebaka ba sena metsi,motlakase mo diofising tsa bone dilo tse a supang fa e le sekgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa morafeng bonolo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Bokopano
Date : 16 Feb 2015