Breaking News

Boitshwaro jo bontle tharabololo ya mogare

19 Mar 2013

Banana le bagolo ba tshwanetse go fetola boitshwaro jwa bone jwa go tlhakanela dikobo gore ba kgone go fokotsa go anama ga mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS mo lefatsheng leno.

Mafoko ao, a builwe ke mmakaseterata wa Ghanzi, Rre Thato Tshweneyagae, fa a ne a bula letsatsi la kgwedi ya banana kgatlhanong le mogare wa HIV le bolwetse jwa AIDS semmuso.

Rre Tshweneyagae a re fa Batswana ba ka fetola boitshwaro, jaaka go ratana ga bagolo le banana, go anama ga mogare wa HIV go ka fokotsega thata. A re banana le bone ba tshwanetse go nna le seabe sa go ikemela ka dinao, ba tlogele go dirisiwa ke bagolo ba ipata ka letlhoko la madi.

A re fa ba ka itebaganya le mananeo a puso, ba ka kgona go bona tse ba di eletsang le go nna bahumi ba dinaledi. O ne a kopa bagolo go tshwaraganela tiro ya go lwantsha mogare wa HIV le banana ka tlhoafalo, le go tlotlana.

Rre Tshweneyagae a re banana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro, ba tshwanetse go rutwa gore ba se ka ba tlhakanela dikobo ba sa le bannye.

O ba tlhagisitse ka ditlamorago tsa go tlhakanela dikobo ba sa le bannye, e bile a re dingwe tsa tsone e ka nna loso. O kopile Batswana go potlakela go itlhatlhoba kwa dikokelong, e seng go tabogela kwa dingakeng tsa setso.

A re puso ya lefatshe leno e neela Batswana dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV, ka jalo ba ba nang le mogare oo ba tshwanetse go ikamogela, ba di nwe, ba tshele sebaka.

O ne a kgalemela banana gore ba emise go iphetisa dino, ka le gone go gakatsa kanamo ya mogare wa HIV, a bo a ba kopa go dirisa ditalente tsa bone go itshetsa. Mokhanselara yo o itlhopetsweng, Mme Gakeolete Dikoma, o ne a lebogela puso go thusa Batswana ka dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : GHANZI

Event : Pulo Semmuso

Date : 19 Mar 2013