Breaking News

Borre ba rotloediwa go ema bakapelo nokeng

16 Feb 2015

Borre ba rotloeditswe go tsaya boikarabelo mo go itlhatlhobeleng mogare wa HIV/AIDS le bakapelo ba bone fa ba itsholofetse, gammogo le go ba ema nokeng mo lenaneong la thibelo mogare go tswa mo go mmangwana go ya kwa leseeng (PMTCT).

Se se builwe ke mothusa mogolwane wa lekalana la NACA, Rre Joseph Kefas kwa moletlong wa letsatsi la itlhatlhobelo mogare o o neng o tshwaretswe kwa Letlhakane ka Labotlhano (Tlhakole 13). 

Rre Kefas a re le ntswa dipatlisiso di supa fa dipalo tsa batho ba ba tsenwang ke mogare di wetse tlase, go na le mogare o o tsweletse o tsena Batswana, a tlatsa ka gore kgaolo ya potlana ya Boteti ke nngwe ya tse di di gogang ko pele mo kanamong ya mogare ka dipalo tse di supang 20.3% fa tsa Orapa e le 15.6%.

A re maikaelelo a letsatsi le, ke go tsibosa borre ka botlhokwa ja go itlhatlhobela mogare le bakapelo ba bone, a supa fa mo ngwageng o o fetileng ba ne ba boloditse letsholo la go ruta batho ka lenaneo la go rotloetsa borre go itlhatlhoba le bakapelo ba bone mo kgaolong ya Boteti ka bophara. 

O tsweletse a re go supa fa borre mo Boteti ba santse ba le maoto a a tshupa selo se a reng se aname le lefatshe ka bophara, a tlatsa ka gore dipalo di supa gore mo go bomme b aba imileng ba le lekgolo, borre ba le bane fela ke bone ba ba itlhatlhoba le bakapelo ba bone.

Rre Kefas o tlhalositse fa ba ne rutuntsha setshaba ka tsa botsogo mo dikokelong le dikokelwana tsa bone, le go tshwara letsholo la go ruta batho ka botlhokwa ja go itlhatlhoba le bakapelo ngwaga o o fetileng le a reng le ntshitse maduo a 14% fa go tshwantshiwa le a 4% a ngwaga wa 2013.

A re lephata la botsogo le simolodisitse molawana wa go rotloetsa borre go tsaya karolo mo botsogong jab tlhakanelo dikobo le tsholo, o o letlang borre go tsamaya le bakapelo ba bone fa ba ya go tsaya tsa boiphemelo, go ikwadisetsa boimana le go ba ema nokeng ka nako ya pelegi.

O tsweletse a re go nna maoto a tshupa ga borre mo go itlhatlhobeng le bakapelo go a tshwenya ka jalo ntwa kgatlhanong le mogare wa HIV e ka se fenngwe ntleng le go tsaya karolo mo go tletseng ga borre. A re rre yo o nang le boikarabelo key o o emang nokeng mosadi le lolwapa la gagwe, a tlatsa ka gore basadi ba ba fiwa kemo nokeng e e tseneletseng ba nna le maduo a a ko godimo mo lenaneong la thibelo mogare go tswa kwa mmangwaneng go ya kwa leseeng.

Rre Kefas a re lefatshe la Botswana ke lengwe la mafatshe a tlhabologang la ntlha go fa diritibatsi tsa mogare wa HIV/AIDS le lenaneo la PMTCT mahala. Mogolwane mo go tsa thibelo mogare mme Bagele Nalebomo a re ba tsweletse ka lenaneo la bone la go rotloetsa borre go tsaya kgato go tsenelela lenaneo la PMTCT le bomme ba bone gammogo le go itlhatlhobela mogare wa HIV/AIDS le bone. A re go na le dipilisi tse di tlhabolotsweng tse di fiwang bomme b aba itsholofetseng b aba nang le mogare.

Mme Nalebomo a re ba tshwenngwa ke go fitlha boimana ga bomme, mo go dirang gore ba seka ba kgona go tsenelela lenaneo la PMTCT, a tlatsa ka go rotloetsa bomme go ikwadisetsa boimana ka dikgwedi tsa ntlha gore bat le ba kgone go tsenelela mananeo sentle.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Latiwa

Location : Letlhakane

Event : Tsatsi la itlhatlhobelo morage

Date : 16 Feb 2015