Gunners e phepafatsa Maun
15 Feb 2015
Setlhopha sa kgwele ya dinao sa Extension Gunners se ne se phepafatsa toropo ya Maun mo mosong wa matlhatso pele ga motshameko wa bone le setlhopha sa koo sa Sankoyo Bush Bucks.
Ba Extension Gunners ba re ba bonye go le botlhokwa go diragatsa maiteko ao e le tsela ya go tlogela motlhala kwa Maun.
Rre Acronews Maseko yo a leng leloko la Extension Gunners kwa Maun o supile fa go direla setshaba e le selo se se botlhokwa thata. O ne a re ditlhopha tsa kgwele ya dinao di na le botsalano le fa ba kgaoganngwa ke go lwela maduo mo motshamekong.
Rre Maseko o ne gape a tlatsa ka gore boloko jwa Extension Gunners bo tlhoka le tsosoloso mo Maun. E rile a bua kwa tirong eo, Monna setilo wa setlhopha sa Extension Gunners rre Kitso Dlamin, o ne a gwethlha maloko a setlhopha sa gagwe go ngoka maloko go tswa ditlhopheng tse dinngwe go tiisa boloko jwa Maun.
Rre Dlamin o ne gape a gakolola maloko Extension Gunners mo Maun gore go botlhokwa gore ba nne le botsalano le borra dikgwebo mo lefelong la bone gore ba kgone go bona dithuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Maun
Event : Letsholo la go phepafatsa
Date : 15 Feb 2015