Breaking News

Bakapelo ba akgolelwa go itlhatlhoba mmogo

15 Feb 2015

Bakapelo ba ba tsereng kgato ya go itlhatlhobela mogare wa HIV mmogo, ba akgoletswe go tsaya kgato e e ntle ebile e le maleba.

Mafoko a, a boletswe ke mogolwane go tswa kwa ofising AIDS, mme Tuelo Chibana jaaka a ne a amogela baratani bao kwa moletlong wa dijo tsa maitseboa ka Labotlhano. Mme Chibana o supile matshwenyego a gore bomme ba ba itsholofetseng, ba itlhatlhobela mogare ba le nosi, ntle le thotloetso ya bakapelo ba bone.

O boletse fa go diragala gore mme a fitlhelwe a sena mogare fa boimana bo simologa, mme e re fa bo ntse bo tsweletse a tshwarwe ka mogare. O kopile baratani go ikanyega mo bakapelong ba bone, a supa fa se se ka ntsha maduo a mantle a go se tsenwe ke mogare. Molalediwa wa tlotla mme Taboka Makubate o ne a tlhalosa fa baratani e le bone fela ba ka fetolang dilo ka go itlhatlhobela mogare mmogo, go sena bo nna ke siame.

O boletse fa go itlhatlhoba mmogo go rotloetsa lorato mo bobeding ebile go dira baratani ba itse boammaaruri ba sa bo utlwe ka podi ya tsela. A re fa bakapelo ba itlhatlhobile mmogo, fa maduo a yo mongwe a dule a se mantle, ba ka nna le sebaka sa go sidilwa maikutlo mmogo, ba tshegetsana, ba botsa dipotso gore ba ka tshela jang le gone go rotloetsana go tsaya kalafi. Mme Makubate o tlhalositse gore fa bakapelo ba itlhatlhoba ba se mmogo, yo mongwe a ka palelwa ke go ntsha maduo a gagwe fa e se a mantle.

O supile gore ka dinako tse dintsi borre ba ikgiwa ke ditiro tse ba di berekang, mme a ba kopa gore fa ba itse gore ba imisitse ba tshwanetse go ipha sebaka sa go ya go itlhatlhoba le bomme ba bone, a bo a tlhalosa fa itlhatlhobela mogare go sa tseya nako e ntsi.

Mme Makubate o tlhalositse fa go le botlhokwa go lwantsha gore go seka ga nna le dikgang tse disha tsa batho ba ba tsenwang ke mogare, mme go alafiwe bao ba ba setseng ba amegile, fa bao ba ba iseng ba amiwe ke mogare ba tshwanetse gore ba itlhokomele ba bo ba ikele tlhoko. 

O supile gore lefatshe le le ka fetoga go nna se Batswana ba batlang le nna sone fela fa mongwe le mongwe a ka fetoga. Mme Makubata o kopile Batswana go tlogela seipato, a re fa ba ka dira jalo ba solofela gore lefatshe leno le ka tswa mo dikgannye tsa batho ba tsenwang ke mogare o mosha. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : Ramotswa

Event : Moletlo wa dijo tsa maitseboa

Date : 15 Feb 2015