Breaking News

Rotary Club le UB ba fa Mochudi Resource Centre lerato

15 Feb 2015

E re ka jaana go tlhwaelesegile gore ka letsatsi la tlhakole a le lesome le bone lefatshe ka bophara batho ba supa lerato mo go baong ba ba tshelang le bone ba mokgatlho wa Rotary Club le baithuti go tswa Unibesithi ya Botswana ba dirile seo ka go abela bana ba sekolo sa Mochudi Resource Centre sa batlhoka pono dimpho.

Fa a amogela dimpho go tswa kwa go ba Rotary club tse di akaretsang mokwalo wa braille le dijo mogolwane wa sekolo seo Mme Sophie Moalosi o tlhalosa fa e se lantlha ba mokgatlho oo ba abela sekolo seo dimpho. A re botsalano jwa bone le mokgatlho oo bo tswa kgakala a supa fa bontsi jwa didirisiwa tse ba di dirisang mo sekolong ba ne ba di abelwa ke bone a tlatsa ka gore dimpho tseo di ya go tlisa pharologanyo e tona mo baneng bao ba a supileng fa ba le 82 ka palo.

O boletse fa mokgatlho wa Rotary o nnile le seabe se se tona mo kgolong ya sekolo seo a tlhalosa fa bogologolo ba ne ba tlhokomela bana ba le masome a mararo fela ba lebile kago ya sekolo mme fa mokgatlho oo, o simolola go ba thusa ne ba ba atolosa dikago a re mo bogompienong ba kgona go tlhokomela palo e ntsi ya bana.

O ne a supa fa ba na le setsha se ba batlang go aga matlo a borutelo le boroko mo go sone mme a re ba mokgatlho oo ba ne ba ba thusa ka moalo le gone go ba thusa ka leano le ba ka batlang madi ka lone. Le fa go ntse jalo o ne a supa fa ba DTC Botswana ba supile fa ba ka thusa mo go ageng matlo a mangwe mme o ne a kopa setshaba go thusa fa ba ka kgonang teng.

Fa a tswa la gagwe Tautona wa mokgatlho oo Rre John Cunliffe o ne a tlhalosa fa madi a ba a dirisitseng go reka mokwalo wa braille ba a filwe ke bangwe ka bone go tswa kwa lefatsheng la Sweeden. A re dijo tsone ba ne ba di reka e le ba mokgatlho oo kwa Gaborone a tlhalosa fa ngwaga le ngwaga fa o fela le fa o simolola ba itlamile gore mongwe le mongwe wa bone fa a rekela ba lelwapa la gagwe dijo bontlha bongwe o bo isa kwa mokgatlhong gore ba kgone go abela bao ba ba tlhokang.

O tsweletse a supa fa ba sa thuse ba sekolo seo fela mme ba thusa batho lefatshe ka bophara ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng. E rile a fa malebo mopalamente wa Mochudi Bophirima Rre Gilbert Mangole o ne a iteela legofi ba mokgatlho wa Rotary a tlhalosa fa ba leboga kemo nokeng e ba e fileng sekolo seo a tlatsa ka gore ba supile fa ba tlhaloganya le go amogela letshego la tebelopele ya setshaba la tshaba e e lorato ebile e le kutlwelobotlhoko.

A re ba lemoga fa mekgatlho e e ikemetsen ka nosi e di goga kwa pele mo go tlhabololeng lefatshe leno mme o na a supa fa nako e tsile ya gore goromente a nne le seabe se segolo mo go thuseng makalana a a tshwanang le a MRCB. O tsweletse a supa fa goromente a sekaseka molao wa ba-na-le-bogole gore o baakangwe mme o ne a re fa o goroga kwa palamenteng ba tla tlhomamisa gore molao oo o diragadiwe ebile ba-na-le-bogole ba tle ba thusiwa fela thata.

O ne gape a akgola ba kereke ya Dutch Reformed mo Mochudi a supa fa ba eme dikolo tsa ba-na-le-bogole mo motseng wa Mochudi. E ntse e le tsa moletlo wa kabo dimpho fa a bua mo boemong jwa baithuti ba Mmadikolo Rre Alex Kgotlaetsile o ne a supa fa dimpho tseo tse di akeretsang melora e e tlhatswang le e e tlhapang ba ne ba ntsha mo dipateng tsa bone go rekela bana bao . 

Rre Kgotlaetsile o ne a tlhalosa fa ba ne ba diragatsa letshego la tebelopele ya setshaba la tshaba e e kgathalang ebile e le kutlwelobotlhoko godimo ga moo a re ke tsela e mo go yone ba supang lorato gore bana bao le bone ba ikutlwe e le batho ba seka ba nna ka mowa wa boitlhobogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mary Mfaladi

Location : Mochudi

Event : Kabo dimpho

Date : 15 Feb 2015