Mogokgo o lela ka tlhaelo ya matlo a borutelo
15 Feb 2015
Mogokgo wa sekolo se sebotlana sa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Kgaogano Pagiwa a re sekolo seo se lebanwe ke kgwetlho e kgolo ya tlhaelo ya matlo a borutelo le mosuke o o ko godimo.
O supile fa ba tshwenngwa thata ke seemo sa tlhaelo ya matlo a borutelo, selo se a supang fa se ba ketefaletsa tiro ebile se kgoreletsa dithuto tsa bana. A re ba patalesega go rutela bontsi jwa bana ka fa tlase ga ditlhare mme nako tse dingwe ba kgorelediwa ke seemo sa bosa se tshwana le dipula.
Rre Pagiwa o ntshitse ngongora e mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng, Rre Thomas Batlhophi yo e ebileng gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Takatokwane/Dutlwe. A re palo ya baithuti ba sekolo seo e gola ngwaga le ngwaga , a supa fa mo bogompienong se na le baithuti ba le 665,mme matlo a borutelo one a le lesome le borataro. A re ka jalo ba patelesega go sukaganya palo e ntsi ya bana mo ntlong ya borutelo e le nngwe ka ba na le tlhaelo e ntsi.
O supile fa go sukaganya bana e le kgwetlho ka jaana ba sa kgone go laolesega sentle. A re sekolo seo se itemogela kwelotlase ya maduo ngwaga le ngwaga mme a ikuela mo batsading go tshwaragana le barutabana gore maduo a tle a tokafale.
Le fa go ntse jalo, Rre Pagiwa o ne a supa fa tlhaelo ya barutabana e e neng e tshwenya pele e tokafatse ka jaana ofisi ya thuto e e mo kgaolong potlana ya Letlhakeng e neetswe boikarabelo jwa go hira go na le go kopa barutabana kwa diofising kgolo jaaka go ne go dirwa pele.
E ne ya re go le pele, batsadi ba supa fa seemo sa sekolo seo se ngomola pelo fela thata ka jaana bana ba rutelwa ka fa tlase ga ditlhare ka nako tsa mariga mme ba supa fa seo e le nngwe ya kgwetlho e e digelang maduo a bana kwa tlase. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo Rre Batlhophi o ne a gatelela botlhokwa jwa tshwaragano ya barutabana le batsadi, a kaya fa popagano ya bone e le konokono mo go tokafatseng seemo sa thuto ya bana.
Rre Batlhophi o ne a tlhalosa fa seemo sa tiego ya dibuka se tla tokafala,ka e tla re mo bogaufing go abelwe dikole tse di farologanyeng dibuka. A re mathata a tiego e nnile go ntsha dithendara thari mme a solofetsa fa ba itlamile gore e re ngwaga o o tlang ba e ntshe ka nako gore ba seka ba nna le kgwetlho e gape.
O ne gape a kopa barutabana bangwe ba sekolo seo gore ba iphuthe methala ka go dira tse dintle gore ba nne sekao mo baneng ka le bone e le batsadi ba bone. O ne a gatelela se morago ga gore batsadi bangwe ba supe fa ba sa jesiwe diwelang ke maitsholo mangwe a barutabana ba ba direlang mo motseng oo.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Shelly Kasefitlhela
Location : Letlhakeng
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 15 Feb 2015