Modulasetilo o lela ka tiego ya didirisiwa
15 Feb 2015
Modulasetilo wa komiti ya dithabololo tsa Kalamare kwa kgaolong ya Mahalapye, Mme Mookodi Legwatagwata, o boletse fa a sa itumelele go diega ga didirisiwa tse di dirisiwang ke bodiredi jwa ipelegeng.
Fa a bua mo potsolosong bosheng, Mme Legwatagwata o tlhalositse fa go diega ga didirisiwa go dia ditiro tsa ipelegeng mo motseng wa Kalamare. A re seemo se se bakiwa ke bagwebi ba motseng wa bone, mme se se beye babereki ka fa mosing.
O kopile puso go sekaseka bagwebi ba ba ikopelang tiro ya go neela badiri ba ipelegeng didirisiwa tse ba di tlhokang ele tsela ya go fokotsa go tiego e e dirang gore babereki ba seka ba fetsa ditiro ka nako. Modulasetilo one gape a ngongorega ka dipalo tsa babereki ba ipelegeng mo Kalamare are diko tlase fela thata mme palo ya batho mo Kalamare e tsweletse kago golela pele.
One a kopa puso gore e oketse dipalo tsa babereki ba ipelegeng mo Kalamare ka gore palo ya masome a mathano le boferabongwe esa thole e lekana batho ba Kalamare. Go sale foo, Mme Legwatagwata one a thalosa fa lenaneo la ipelegeng le amogetswe sentle mo motseng wa Kalamare segolo jang ke bomme ka ele bole ba ba inaakantseng le ipelegeng ka dipalo tse di ko godimo. One gape a akgola maiteko a puso ago fefotsa dituelo tsa badiri ba ipelegeng ka gore dituelo tsa bone ga disa thole di diega jaaka pele. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Phidson Mojokeri
Location : Kalamare
Event : Potsolotso
Date : 15 Feb 2015