Breaking News

Kgosi o rotloetsa bomme go ipelega

15 Feb 2015

Kgosi wa Senete a re ga a jesiwe di welang ke bomme bangwe ba ba sa batleng go bereka go tokafatsa matshelo a bone ba beile mo go borre fela.

Mo puisanong bosheng, Kgosi Wilson Mothowetsho o tlhalositse fa bomme ba bontsi jwa bone e leng banana ba sa batle go bereka ba ikaegile ka borre.  

A re ba batla go tlhola ba ntse fela mo malwapeng ba sa dire sepe ba ikantse madi a ba a fiwang ke bakapelo ba bone. O boletse fa mokgwa o o sa siama ka o baka dintwa fa wa mme a sa tlhole a batla go dirisana le wa rre. Kgosi o supile fa bomme ka bantsi ba tla go ikuela kwa go ene fa matshelo a bone a setse ale mo diphatseng.

O tsweletse ka go tlhalosa fa bangwe ba inaakantse le go inyadisa mo go seng ka fa molaong mme morago go bake mathata. A re bangwe ba nna le batswakwa ba ba tseneng mo lefatsheng e se ka fa molaong mme morago fa go nna le mathata a bolwetse kana dintsho ba tle go kopa thuso kwa go ene. O kgadile a sa kgwe mathe batsadi ba ba rotloetsang bana ba bone go inyadisa a re ba oketsa dipalo tsa dipolaano tsa maratani mo motseng.

A re motsadi o tshwanetse go kgalemela ngwana wa gagwe fa a bona a nna le motho a sa mo nyala le go mmontsha bodiphatsa jwa go dira jalo. O supile fa go nna thata mo go ene go thusa fa batho ba ntse lebaka ba sa nyalana ka a tshwanelwa ke go kgaoganya dithoto tsa bone mme tsheko e nna thata fa go na le bana kana mongwe wa bobedi joo a sa bereke.

Kgosi o boletse fa a akgola bomme ba ba tsweletseng ka go tlokafatsa matshelo a bone ka go tsenelela metshelo le go itirela dikgwebo ka go farologana a re se se supa tebelopele. A re bangwe ba ikwadisetse kwa thuto gaegolelwe go ithuta go bala le go kwala. A tlhalosa fa ba rutiwa le ditiro tsa diatla.

Mo go tse dingwe o boletse fa ba sa robale ke ditlou tse di ba senyetsang kwa masimong a tlhalosa fa bontsi jwa batho ba setse ba tshaba le gone go ya masimong. A re ba solofela fa seemo se tla boela mannong ka ba lephata la diphologolo tsa naga ba na le malatsinyana ba le mo motseng morago ga gore batho ba ikuele kwa go bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Clara Thamae

Location : Senete

Event : Puisano

Date : 15 Feb 2015