Breaking News

Sehunou e tla tokafalediwa ditlamelo tsa botsogo

15 Feb 2015

Banni ba Sehunou mo kgaolong ya Serowe Borwa ba solofeditswe go tokafaletswa ditlamelo ke ba lephata la botsogo.

Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa tsa botsogo kwa sepateleng sa Sekgoma mo Serowe Mme Sally Ngwako kwa thuto seka dipuisano ya botsogo pitso kwa motseng oo ka Labone. 

Mme Ngwako, o tlhalositse fa go na le tlhaelo e ntsi ya ditlamelo segolo bogolo jang ka go sena kokelwana mo motseng, mme ba latela ditlamelo kwa motseng wa Motshegaletau. Mme Ngwako o ne a kopa banni go sekegela seemo se, ka le puso e itemogetse mathata, a tlhalosa fa molwetsi a sa tshwanela go tsamaya sekgele sa dikhilomithara di feta botlhano go ka bona thuso ya bongaka.

A re le fa go ntse jalo bone ba tsamaya sekele sa dikhilomithara dile tharo le sephatlo fela. Fa a tswa la gagwe, mogolwane wa lekalana la balwetsi ba tlhaloganyo Mme Malebogo Motsokono o kopile banni go rata le go tlhokomela ba- na- le bogole ka le bone ele batho fela jaaka ba bangwe. Fa a bua ka dikgang tsa tiroso y anno tagi, Mme Motsokono o rotloeditswe banni go emisa go kopanya majalwa le kalafi ka eka ba dira gore ba nne bokoa le gofeta.

A re go diphatsa fela thata go kopanya kalafi le nno tagi bogolo jang a itebagantse le balwetsi b aba tsayang diritibatsi tsa bolwetsi jwa HIV/AIDS le kgotlholo e tona. Fa a itebaganya le bolwetsi jwa kgotlholo e tona, Mme Baitsekgabo Majelantle o kaile fa dipatlisiso di supa fa motse wa Sehunou o amilwe thata ke bolwetsi jwa kgotlholo e tona.

Ka jalo, Mme Majelantle o ne a kgotlhatsa banni go tlogela go emisa tsaya kalafi ba ise ba rebolelwe ke ba bongaka, a tlatsa ka gore kalafi ya kgotlholo e tona e tsaya sebaka sa dikgwedi tse thataro go ya ko ngwageng. 

O ne a gakolola banni go itekodisa fa ba bona dikai tse di sa lwaelesegang mo mebeleng ya bone, a re se se ka dira gore ba kgone go bona kalafi e e tlhokafalang nako e santse ele teng. O ne a ba tlhagisa gape gore go nale lenaneo le ka lone molwetsi yo o gateletsweng a kgonang go tseelwa dipilisi ke mongwe wa losika go itsa go sokodisa molwetsi.

BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Godirwang Oteng le Connie Marage

Location : Serowe

Event : Thuto puisano

Date : 15 Feb 2015