Setsuatsue se bakile tshenyo kwa Thamaga
12 Feb 2015
Malwapa a ka nna some kwa motseng wa Thamaga a setse mo legoeleleng morago ga gore setsua-tsue sakgwanayape se ralalale motse oo ka Mosupologo mo maitseboeng.
Loeto lwa ba BOPA kwa motseng wa Thamaga le itemogetse matlhotlhapeloa go rutlologa ga matlo, go senyega ga dithoto tsa mo matlong le dijotse go kaiwang di ne di inolwa mo bophadiphading jwa metsi a aneng aikadile mo matlong le go lalaana ga ditlhare fa fatshe.
Mme Boitumelo Khumiso wa kgotla ya Modimela yo e leng mongwe wa babaamegileng thata one a rothisa keledi fa ane a lekodisa mmega dikgang wa BOPA ka seru se se wetseng lelwapa la gagwe, se a kaanag se motlogetse mo lehumeng ka go se sepe se aka se dirang go busetsa seemomannong.
A re setsuatsue seo se seneng se tlhakanye le pula e mashetla se bakile tshenyo e boitshegang ka ponyo ya leitlho jaaka fa sene sekumola marulelo a ntlo ya gagwe ya dikamore di ferabobedi e mo tlogelamo gare ga metsi ale mo lebaleng le bana ba gagwe ba bane ba dingwagatse di kwa tlase go balelwa le lesea la dikgwedi di le lesome leboferabobedi.
Mme yoo o tlhalosa fa asantse ale mo maibing ka seru se setlhagetseng lelwapa la gagwe mme ebile a ise a nne mo seemong sa go ka itse ditshenyegelo tse di bakilweng ke tiragalo eo.
Mme Khumiso wa dingwaga tse masome mane le motso a re one a satswa gowetsa kago ya ntlo eo mme jaanong tlhale di mofeletse morutseng kajaanong a ka setlhole a nna le dithata tsa go e baakanya ka jaanong a dira ele mophepafatsi wa nakwana.
O supa fa a aperwe ke mowa wa boitlhobogo morago ga go latolelwa ke bakomiti ya dibetso tsa tlholego fa go se sepe se ba ka mothusang kasone ntle le dijo tsa nakwana le mororo asa tlhole a na le bonno joaka tlholang a tshabela mo go bone jaaka paka ya dipula e santse etsweletse.
Lengwe la malwapa a amegileng ke laga mme Mmaonyana Malejane koogoneng gole mme wa motswakwa yo a duleng ka tshoba la mogodu le leseala gagwe fa ntlo e aneng a ale mo go yone e rutlotloga le go bakatshenyo e feteletseng.
Lebenkele la Sefalana ke lengwe la dikago tse di rutlomologileng lentswa go ne go ise go kaege bokete jwa tshenyo e nnileng teng.
Mopalamenete wa Kgaolo rre Tshenolo Mabeo ebile ele mothusa tona waDipalamo le Ditlhaetsanyo, oo letse a nnile le sebaka sa go lekolamangwe a malwapa a amegileng, mo maitsebong mme a supa fa a tlhabilemokgosi kwa go ba komiti ya Dibetso tsa Tlholego go thusa go tlamelamalwapa a amegileng .
Mogolwane wa mapodisi a Thamaga Superintendent Moses Makgoweng are gagona dipego dipe tsa dikgobalo tse ba di amogetseng ntle le tshenyo ebakilweng ke tiragalo eo.
Dikgotla tse di amilweng ke setsua-tsue seo sa kgwanyape ke Modimele,Matsila, Motlhabane, Matlhabane, Kgopa le Kgosing.
Modulasetili wa komiti ya dibetso tsa tlholego mo kgaolong potlana ya Mogoditshane/Thamaga Rre Mothibi Monyakeng o ne a se mo seemong sa go ka tshwaela ka a ne a supa fa ba santse ba tabogile le dithulaganyo. BOKUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : THAMAGA
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2015






