Ba Maitengwe ba akgola ditirelo tsa puso
12 Feb 2015
Banni bangwe ba motse wa Maitengwe mo kgaolong potlana ya Tutume bogolo thata bagodi ba ba amogelang madi a bagodi ba supa fa ba itumelela thuso e ba e fiwang kwa posong ya motse oo.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, jaaka ba ne ba phuthagane kwa posong go tla go tsaya lemme la bone, ba supile fa puso e ba direla tiro motlhofo.
Rre Jeremiah Bonyongo ke mongwe wa bagodi ba ba tlhalosang fa poso e le botlhokwa, a re ntle le gore ga a tsamaye sekgele se se kalo go ka bona madi a bone, poso e ba thusa thata go ka boloka bontlha bongwe jwa lemme leo.
Rre Bonyongo o supile gape gore gone kwa posong o nna le sebaka sa go ka reka motlakase gape go ka romela madi go tswa kwa ntle ga motse wa Maitengwe.
Mme Dambe Bulayani le ene o tshwaetse fa poso e ba bolokela nako ya go nna ba ya kwa metseng e mengwe go bona dithuso tse di farologaneng tsa poso, a re ene se se mo kgatlhisang ka ditirelo tsa puso ke gore ditirelo tsa botlhokwa di akaretsa go reka motlakase le gone go duela metsi di gone fela foo.
Bontsi jwa bagolo ba re le ntswa poso tse dintle ba santse ba le bête se molangwana ka letlhoko la matlo a boiteketso gone fa posong.
Fa a tswa la gagwe Mme Mompoloki Gaafiwe yo o okametseng poso eo , o tlhalosa fa ditirelo tsa poso eo di akaretsa go duela madi a bagodi,go romela le go amogela madi, go duela badiri ba Ipelegeng, go rekisa ditempe, go romela dikwalo kwa mafelong a sele ga mmogo le go amogela tse di tsenang.
Mme Gaafiwe a re tirelo e nngwe e poso e e fang sechaba ke gone go ba fa sebaka sa go romela madi kwa lefatsheng la Zimbabwe ka western union le gone go amogela madi go tswa lefatsheng leo.
Mme Gaafiwe o supile fa tirisano mmogo fa gare ga banni ba motse le badiri ba poso e kgatlhisa, a re ba ete ba itemogele dikgwetlho di akaretsa go dira ka bonya ga maranyane a entanete, fa gongwe ba felelwe ke madi ba santse ba tsweletse ba amogedisa.
Le fa go ntse jalo a re diemo tse ga di ke di dira ba ba tsileng go amogela dithuso go kokega maikutlo, ka jaana fa ba tlhalosetswa ka bothata jo bo tlhagogileng ba a tlhaloganya ntle le dikgogakgogano. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : MAITENGWE
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2015






