Morafe o kopiwa go nna le seabe mo go thibeleng mogare wa HIV
13 Feb 2015
Kgosi ya motse wa Khudumelapye Rre Edwin Ramokobetwane o gakolotse banana ba motse oo go nna le seabe mo thibelong ya mogare wa HIV.
O buile seo fa a bula thuto seka dipuisanyo tse di rulagantsweng ke ba Lephata la Banana Metshameko le Ngwao go ruta banana ka mogare wa HIV le boikgapo.
Kgosi Ramokobetwane o gakolotse banana go itebaganya le mananeo a puso a a ka thusang go thibela mogare a akaretsa PMTCT,go kgaola letlao la bonna ga bo rre.
O ne gape a kgotlhatsa banana ba ba tlhokileng lesego ka go wela ke seru sa bolwetsi jwa HIV/AIDS go dirisa diritibatsi jaaka ba laetswe ke ba bongaka.
O ne a tswelela ka go supa gore mongwe le mongwe o tshwanetse a nna le boikarabelo mo botshelong jwa gagwe ka go dira tse di eletsegang.
O ne a tswelela ka go gakolola banana go tsaya tsia dithuto seka-dipuisanyo tseo.
Mogokaganya ditirelo tsa banana mo kgaolong ya Letlhakeng Mme Sophie Letsholo o ne a tlhalosa fa dithuto seka-dipuiso tseo di itebagantse le go kgaogana kitso le ka HIV/AIDS le tse di tsamaelanang le yone.
O ne gape a supa fa ba tla ruta le ka go fetola boitsholo.Dithuto seka dipuisano tseo di tla tsaya malatsi a mararo.Mongwe wa barutuntshi kwa thuto seka dipuisano tseo Rre Tebogo Phale o ne a supa fa a tshenngwa ke go ima ga banana mo Khudumelapye mo go ileng magoletsa.
O ne a kgotlhatsa banana gore ba itlhaloganye ba tseye ditshwetso tse di maleba mo matshelong a bone.
O ne gape a ba gakolola go ikgapha mo tlhakanelong dikobo ka ba sale bannye mme ba emele nyalo pele fa ba ka dira jalo.Rre Phale o ne gape a gakolola baratani go itlhatlhobela mogare.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Senkokame Dibeko
Location : LETLHAKENG
Event : Thuto seka dipuisanyo
Date : 13 Feb 2015






