Kgosi o lela ka bogodu jwa leruo
12 Feb 2015
Kgosi Mbuso Vavani wa motse wa Maitengwe o supile fa a tshwenngwa ke dikgang tsa bogodu jwa leruo tse di tsweletseng ka go golela pele.
Kgosi Vavani o buile jalo mo potsolotsong le BOPA, a supa fa kgotla ya gagwe e tsweletse ka go amogela dikgang tsa bogodu jwa leruo.
A re leruo le gantsi le tshabelelwang ke go utswiwa ke dikgomo bogolo marole, dipudi le ditonki.
Kgosi Vavani o supile fa bontsi jwa magodu a e le bana ba mo gae ba dirisanya le bangwe Batswakwa go tlodisetsa leruo ka ko lefatsheng la Zimbabwe.
A re le ntwa mapodisi le bangwe mo motseng ba leka go emela dikgang tse ka dinao , maiteko a bone a busediwa kwa morago ke bangwe ba ba tsweletseng ka go kgaola terata ya mololwane mme ba tlodise leruo motlhofo.
Go sale foo Kgosi Vavani o supile bangwe barui ba ba sa tlhokomeleng leruo la bone ka monwana ka jaana go rotloetsa gore leruo le utsuwe motlhofo.
O boletse fa go tlhoka go disa, kgotsa go laola motsamao wa leruo ga mmogo le go tlhoka go tshuba leruo go ba ketefaletsa go ka lwantsha borukhutlhi jwa leruo.
Mo go tse dingwe Kgosi Vavani o supile gape fa a sa itumedisiwe ke dintwa tsa banana mo motseng.
A re banana ba motse ba tsweletse ka go itshiela bojalwa ka tsela e e makatsang mme morago ba itaane ka bo bone mo ba felela ba bakelana dikgobalo tse di masisi.
A re le ntswa ba botsogo ba leka go tsibosa ka bodiphatsa jwa go itshiela nnotagi kgotsa go goga motsoko bangwe ga ba tseye kgakolo e ka tlhwaafalo ka jaana ba tsweletse fela ka go dirisa nnotagi.
Kgosi o bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke bangwe banana ba ba ineelelang manyalo a a seng ka fa molaong, ka jaana phelelo ya one ke gone go lwela dithoto. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Clara Thamae
Location : MAITENGWE
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2015






