Theko ya merogo e ile kwa tlase
12 Feb 2015
Banni ba motse wa Hereford ba supa fa theko ya merogo ele kwa tlase ka ntlha ya gore ba ne ba abelwa ditshingwana tsa merogo ke ba nyeletso lehuma bale bantsi.
Mongwe wa ba ba akolang lenaneo le laga goromente la nyeletso lehuma ke rre Bathuel Ramokate, mme kgwebo ya gagwe e tlhokomelwa ke nkukuagwe e bong mme Dorris Motonke.
Mme Motonke o supile fa a ne a thusiwa ke ba nyeletso lehuma ka go mo lemela morogo wa spinach le di-beetroot mme boo-Mma Motonke ba ne ba ikokeletsa ka go lema green pepper le ditamati, se e le go leka go gapa leitlho la bareki ba le bantsi.
A re one a nna a lema merogo e le mentsi ka ane a itse go na le batho ba le bantsi ba ba rekang mo go ene, mo nakong ya gompieno are se se fetogile ka merogo ya gagwe e felela e senyega ka gore ga e rekiwe sentle.
Motonke a re ga a senyegelwe ke merogo fela ka a reka dipeo ka madi a gagwe, gape o tshwanelwa ke go duela le metsi jaanong ga a boelwe ke sepe mo thekisong e ya gagwe.
O tlhalositse fa kgwebo e, e sa ba busetse sepe ka mabaka one a.
A re kgwebo ya bone e ne e tsamaya sentle fela thata kwa ntlheng ka e ne e le mongwe wa batho ba ntlha go thusiwa. A re dilo di ne tsa simolola go fetoga fela fa batho ba le bantsi ba simolola go thusiwa ka di tshingwana tse.
O supile fa kgwebo e ba ne ba e dirisa go reka dijo le go duela metsi a ditlhwatlhwa tsa o ne di nnang fela di le ko godimo mme se se bakiwa ke gore merogo e tlhoka metsi a mantsi.
O ne a tswelela a tlhalosa a re gompieno o palelwa ke go reka tse ba di tlhokang le go duela metsi ka gore theko ya merogo ke e e sa nametseng ka e bile e ne e le yone fela e ba ikaegileng ka yone go tlhabolola matshelo a bone.
O ne a re o itumelela se puso e se dirang go tokofatsa matshelo a bone, mme fela o ne rotloetsa gore go diriwe ditsheka-tsheko tse di tseneletseng pele fa ba ka thusiwa.
O supile fa ditsheka-tsheko di ka leka go itsa gore batho ba le bantsi ba thusiwe ka selo se se nngwe fela ka jalo se dire gore maiteko a puso a go thusa Batswana go ba ntsha mo lehumeng a seka a atlega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshepiso Tsietso
Location : HEREFORD
Event : Potsolotso
Date : 12 Feb 2015






