Borre ba rotloediwa go dirisa mananeo
11 Feb 2015
Kgosi Itekeng Mathangwane wa Mathangwane a re go botlhokwa gore borre ba supe kgatlhego mo mananeong a nyeletso lehuma.
Kgosi Mathangwane o buile jalo mo potsolotsong bosheng. A re puso e ikiteile sehuba go dira ka gotlhe go tswelela e tla ka mananeo e bile e a tokafatsa ka maikaelelo a go thusa Batswana ba ba amilweng ke lehuma.
Le fa go ntse jalo Kgosi Mathangwane a re bontsi jwa batho ba ba supang kgatlhego ka dipalo tse di ntsi go ka ikopela dithuso tsa mananeo a ke bomme.
A re borre bangwe ba tsweletse ka go tshelela mo lehumeng mme ba ntse maoto a tshupa go ka ikopela dithuso go tokafatsa matshelo a bone.
Kgosi Mathangwane a re bangwe ba eteleditse dikgang tse di senang nnete tebang le one mananeo a ka jaana ba tsaya gore mananeo a nyeletso lehuma a diretswe batho ba metse e e kgakala le ditlamelo bangwe ba tsaya gore nyeletso lehuma ke ya batho ba ba paletsweng ke go ka itirela isago e e kgatlhisang.
Kgosi o rotloeditse borre go ikopanya le di ofisi tse di maleba go tlhaloganya ka one mananeo a le gone go ka ikopela dithuso. A re ba seka ba eteetsa dikgang tse di kgobang marapo kwa pele , se se botlhokwa ke go sekaseka pharologanyo e mananeo e ka a dirang.
Kgosi Mathangwane o bile a supa gape fa bontsi jwa batho ba santse ba na le tsietsego, ba tsaya fela gore mananeo a nyeletso lehuma ke kapei ya borotho, ditshingwana tsa merogo kgotsa go roka.
A re go na le mananeo a le mmalwa a akaretsa thuo ya bommutla, thuo ya dikoko, go betla le a mangwe a a farologaneng a borre ba ka tsayang karolo ba itirela sengwe se se duleng diatla.
Kgosi Mathangwane a re mananeo a ga a dirwa go lebilwe bong bo le bongwefela, a re mme kgotsa rre o ka itlhophela lenaneo le a ka nnang le bokgoni go le tsamisa le go le tlhokomela. A re lorato le go dira ka nata ke tsone fela tse di botlhokwa ka jaana ke di ka nna le seabe go godisa leananeo le motho a le ikopetseng.
Go sale foo Kgosi Mathangwane o supile fa go sa itumedise go bona go na le bangwe ba ba tseletseng ka go diga maikaelelo le boleng jwa one mananeo a.
A re bangwe ga ba tlhokomele dithuso tsa bone mo go nametang, fa bangwe e re go nna le dikgwetlho tebang le one mananeo a ba a phuaganye ba itebatsa fa puso edirisitse dikete go reka ditsompelo tsa dithuso tsa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 11 Feb 2015






