Thuso ya potlako e botlhokwa
11 Feb 2015
Mogolwane wa LEA, Mme Abgail Mokiya o rotloeditse bakgweetsi go ipaakanyetsa go nna le seabe mo thusong ya potlako y fa ba kopana le kotsi e diregile fa ba le mo mesepeleng ya bone ka nako tsotlhe ka seo se ka thusa thata mo pabalesegong ya botshelo mo go yo o amegileng.
Thotloetso e,o e buile maabane mo dithuto puisanong tsa bakgweetsi tse ba neng ba di rulaganyeditswe ke ba komiti ya ipabalelo tseleng mo Tsabong.
Mme Mokiya o ne a tlhalosa fa thuso ya potlako e ka dirisiwa kwa tirong, mo lwapeng le mo koloing fa kotsi e diregile. A re e botlhokwa ka e ka boloka botshelo jwa yo o amegileng pele ga thuso e o ka e bonang kwa sepateleng.
O kaile fa mo thusong ya potlako go sa letlelesege gore ope o ka dirisa melemo mo nthong ya yo o gobetseng ntleng fela le ba bongaka. O ne a kopa bakgweetsi go tsenelela dithuthuntsho tsa thuso ya potlako ka e le mosola thata mo matshelong a bone le setshaba ka kakaretso.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mothusa modulasetilo mo komiting ya ipabalelo tseleng mo kgalagadi borwa Assistant Supurintendent Keagetswe Lorato o ne a tlhalosa fa maikaelelo e ne e le go tsibosa bakgweetsi ka botlhokwa jwa go hema dikotsi le Go ba tsibosa ka ditlamorago tsa go tlhoka go kgweetsa sentle gammogo le go ba rotloetsa go nna le go tsaya boikarabelo mo go tlhomamiseng gore ga go direge dikotsi dipe gotlhelele.
Moeteledipele mo lephateng la CTO mo Tsabong Rre Loruo Morwe o ne a supa ba tshwengwa ke palo e ntsi ya dikoloi tse di amegang mo dikotsing tsa tsela ka ntlha ya go kgweetsa bohahalele ga bakgweetsi bangwe ba puso.
O ne a kaya fa dikoloi tsa puso di senyega ka pele ga lobaka lo lo di beetsweng fa di tshwantshwangwa le tsa beng mme a kopa bakgweetsi go di ela tlhoko le go di tlhokomela sentle ka e le tsone tse ba itshetsang ka tsone.
Rre Morwe o ne a itsise bakgweetsi ka boranyane jo bosha (FTMMS) jo bo tla tsenngwang mo dikoloing tsa puso go laola mosepele o ba o tsamyang fa ba le mo tirong a supa fa seo se tla thusa gore di dirisiwe ka fa go tshwanetseng ka teng.
Mme Botty Ranthoakgale mogolwane go tswa mo lephateng la CTO mo lekalaneng la batlhatlhobi ba dikoloi o ne a iteela kobo moroko mafoko a Rre Morwe ka go rotloetsa le go kopa baeteledipele mo maphateng a puso aa farologanyeng go tlhatlhoba dibukana tsa dikoloi tse di diisiwang ke bakgweetsi ka nako tsotlhe ka seo se ka fokotsa go dirisiwa botlhwatswa ga dikoloi tsa puso le go tlhoka go tsamaya mesepele e ba sa e laolelwang.
Mme Ranthoakgale o ne a kopa bakgweetsi gape go fokotsa mesepele ya bosigo ka go bereka nako ee feteletseng ba gabile madi, A kaya fa seo e le sone se gantsi se bakang dikotsi mo dikoloing tsa puso.
Rre Kefentse Magowe mogolwane go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng fa a bua mo dithuto-puisanong tseo o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka botlhokwa le thulaganyo ya go dira setlankana sa go kgweetsa. A kaya fa molao o letla gore se ka dirwa ke Motswana mongwe le mongwe yo o dingwaga tse di lesome le boherabobedi go ya kwa godimo
Rre Magowe o ne a gakolola bakgweetsi le setshaba ka kakaretso go ikopanya le go itsise ba ofisi ya bone ka nako ya fa ba fapaanya dikoloi go itsa diketsaetsego tse di ka kgonang go nna teng magareng ga bone a go tlhoka go tshwana ga di nommore tsa di engine fa ba kgethela dikoloi tsa bone.
Mongwe wa ba ba neng ba laleditswe mo dithuto puisanong tseo mogolwane go tswa mo lekalaneng la MVA Mme Tebogo Robertts o ne a tlhalosa mo go tseneletseng ka maikaelelo le maitlamo a supa fa lekalana la bone le itebagantse le go tlhomamisa gore mongwe le mongwe yo o amegang mo dikotsing tsa tsela fa a gobetse ba mo thusa ka tsa bongaka ka na tsa phitlho.
Mme Roberts o ne a tlhalosetsa batsena dithuto puisano tseo fa lekana la MVA pele ga le ka thusa yo o amegileng ba tlhokana le bosupi jo bo tswang kwa go ba botsogo le ba sepodisi go rurifatsa tiragalo eo.
O ne a itsise setshaba go inaakanya le ba ofisi ya bone ee kwa Kang yo e leng yone e okametseng kgaolo ya kgalagadi.
Mongwe wa bakgweetsi ba ba neng ba tseneletse dithuto puisanong tseo fa a kgwa dikgaba baruthuntshi bao Rre Benjamin Madube o ne a lebogela dithuto, a tla a supa fa gantsi dikotsi dingwe di bakwa ke go tlhoka go rulagangwa le go rerisanwa sentle ga mosepele pele ga nako ke baeteledipele, a kaya fa seo gape se baya bakgweetsi mo kgatelelong ka nako e nngwe ba bo ba sa ipaakanyatsa mesepele.
Fa ntsha la gagwe Sup Inspector Olebile Rakhobo wa sepodisi sa pharakano o ne a supa fa ba sepodisi ba gatisitse dikgang di le 125 tsa dikotsi tse mo go tsone go nnileng le dintsho di supa dikgobalo tse di masisi di le 24 le tse di potlana di le 40 mo kgaolong ya kgalagadi borwa go simologa ka kgwedi ya Hirikgong go fitlha ka ya Sedimonthole e ya fifing.
Sup Inspector Rakhobo o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go kgweetsa mokgweetsi a nole bojalwa e le one molato oo di gogang kwa pele fa go tshwantshwangwa le e mengwe e akaretsa go kgweetsa mokgweetsi a sena setlanakana,letsapa le e mengwe.
Mo mafokong a gagwe a tebogo mongwe wa bakgweetsi ba dikoloi tse di pegang setshaba Rre Thoje Thoje o ne a lebogela ba komiti ya ipabalelo tseleng le baemedi ba maphata otlhe aa neng a ruthuntsha a kaya fa dithuto tseo le mosola le gore di tla tlisa pharologanyo mo matshelong ka di ba butse matlho mabapi le ipabalelo tseleng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto puisano
Date : 11 Feb 2015






