Go runya ga dikereke go a tshwenya
11 Feb 2015
Kgosi Simon Nkageng wa Tati Siding a re ga a jeswe diwelang ke dikereke tse di tsweletseng ka go runya mo motseng.
Kgosi Nkageng o buile mo potsolotsong bosheng fa palo ya dikereke mo motseng oo e tsweletse ka go golela pele. Kgosi o supile fa a se kgatlhanong le gore dikereke di ka obamela mo motseng, fela a re ga a itumedisiwe ke gore go runya ga dingwe dikereke tse go na le dilabe.
O boletse fa dingwe dikereke tse di sa kwadisiwa ka fa moalong, dingwe di sa sale tsamaiso e e maleba morago fa tse dingwe tsone di obamela mo metseng, sengwe se a kaileng fa se na le seabe go baka modumo fagare ga motse.
Kgosi Nkageng o supile gape fa dingwe dikereke tse di ipa fela mo mafelong ha a sa rebolwang tse dingwe tsone di obamela kwa sekgweng, seo se felele se baka kgotelesego ya tikologo ka jaana Fa di obamelang teng go sena fa go iteketswang teng.
A re mangwe mabaka bna a tlhotlheletsang go runya ga dingwe dikereke ke gore mangwe maloko a kereke a retelwa ke go rarabolola dikgotlhang kgotsa dikgwetlho tse di tlhagogang mo kerekeng mme seo se felele se dira gore ba bangwe ba tlogele kereke ya pele ba ikemela.
Kgosi o bile gape a tlhalosa fa bangwe ba setse ba ntshitse kereke lefelo la kwebo ka jaana ba eteleditse Dikgang tsamadi kwa pele. Go sale foo Kgosi Nkageng o supile dingwe dikereke ka monwana a tlhalosa fa di rotloetsa boitshwaro jo bo saamogelesegeng.
A re dingwe di tswa bosigogare mme seo se dire gore banana ba lale ba tsamaya bosigo phelelong ba inaakanye le ditiro tsa go tlhoka tsebedi akaretsa go itshiela notagi le tse dingwe.
Kgosi o bile a supa gape fa a sa itumedisiwe ke go bona dingwe dikereke tse di ikgogela morago fa go na le ditiro mo motseng tse di tlhokang kemo nokeng ya kereke. A re ka nako ya dintsho kgotsa mediro e mengwe e e tlhokang kgotlatso ya kereke, dingwe dikereke tse di nna maoto a tshupa go ka tswa thuso.
Mo go tse dingwe Kgosi o kgadile bangwe ba ba tsweletseng ka go disetsa leruo la bone fa gare ga motse, a re le fa ba leka go tsibosa ka bodiphatsa jwa leruo fa go tsamayang dikoloi, maiteko a bone ga a tswe tema ka jaana bangwe ba tsweletse fela ka go tlogela leruo le sena tlhokomelo mo le felela le kgopakgopana le dikoloi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : FRANCISTOWN
Event : Potsolotso
Date : 11 Feb 2015






