Phuthego o ja ka petlo
11 Feb 2015
Rre Monyombo Phuthego wa Senete ke mongwe wa Batswana ba ba sa iponeng tsapa go itirela ka diatla gore a kgone go oba letsogo le gone go tlhokomela ba lelwapa la gagwe.
A re le fa puso e intshitse setlhabelo go tswelela e tla ka mananeo a go ka thusa go tlhotlhora lehuma la nta ya thogo mo Batswananeng, se ga se rebole gore ope yo o nang le bokgoni go phutha matsogo a letle fela go fepiwa.
Rre Phuthego ,yo botswerere jwa gagwe bo lemogwang ke motho a tsamaya kgakala, a re o ne a tsena mo kgwebong ya go betla dingwaga tse di masome a mabedi tse di fetileng.
Fa a tla simolola kgwebo e ya go betla a re one a lemoga fa a sena motswedi wa itshetso o o rileng gape a sa batle go nna mongwe wa bo atlhama ke go jese. Rre Phuthego a re botsipa jwa go betla o ne a bo ithuta kwa sekolong jaaka bane ba rutwa tiro ya diatla.
Rre Phuthego o dingwaga tse di masome a marataro le botlhano, fela botlhaga jwa gagwe le go tiaa ga mmele wa gagwe di ganetsana le dingwaga tsa gagwe. Rre yo o betla didirisiwa ka go farologana di akaretsa dikika, metshe, megoma, dikgamelo tse di gamelang dikgomo, dintshwana le tse dingwe.
A re tlhwatlhwa ya dithoto tsa gagwe e simolola ka masome a matlhano le dipula go ya kwa go tse di lekgolo le masome a matlhano a dipula. A re theko ya dithoto tsa gagwe e tsamaya sentle e bile batho ba supa kgatlhego e kwa godimo tebang le tsone.
A re le fa malatsi a sa tle ka go tshwana, se se mo itumedisang ke gore fa kgwedi e fela o a bo a dirile makgolo a le marataro a dipula, a re seo se mo direla tiro motlhofo ka o kgona go fepa ba lwapa la gagwe.
Rre Phuthego a re ka nako tse dintsi o dirisa setlhare sa morula go betla, a re le fa se thata go rengwa, sone se dira dithoto tse di sa senyegeng motlhofo gape le boleng jwa tsone bo kgatlhisa.
Rre yo a re ntle le bodiphatsa tsa go tswenwa ke dihatlhi mo matlhong jaaka a betla, tiro e yone e motlhofo go ka jaana ga e tlhoke sepe se se kalo go ka e dira Kgwebo e ga se yone fela e setswerere se se ikaegileng ka yone, ke motho wa go aga, go rulela le gone go penta ga mmogo le tse dingwe ka go farologana.
Rre Phuthego a re o itse thata ka mananeo a nyeletso lehuma, fela a re one a ise a ikopele dithuso ka jaana one a santse a batla go iphutlha gore e re a ikopela dithuso e bo e se tse di kalo.
A re le fa a ise a ikopele dithuso se se mo itumedisang ke gore le fa a etela ofisi ya boipelego go kopa thuso tebang le kgwebo e ya gagwe o amogelwa ka tsoo pedi, sengwe se a tlhalosang gape se mo tiisa mooko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Manyepedza
Location : TUTUME
Event : Potsolotso
Date : 11 Feb 2015






