Banni ba amogela matlo a Turnkey
11 Feb 2015
Go tlhakanela mosepele ga dikhansele le ba Botswana Housing Corporation (BHC) mo lenaneong la kago ya matlo la turnkey ka 2012 go supile dikgwetlho tse ditlhokang go tsibogelwa go le tokafatsa le go fokotsa ditshenyegelo ka ditsela tsotlhe.
Mafoko a a builwe ke mogolwane wa BHC kwa Gaborone Rre Reginald Motswaiso kwa tirong ya g orolela metse ya Tamasane, Palapye, Topisi le Moreomabele matlo a lenaneo la Turnkey kwa Moreomabele bosheng.
Kwa Moreomabele go ne ga rolelwa batho bale lesome le bobedi matlo a lenaneo leo la dikamore tse pedi le sephato .
Rre Motswaiso o ne a kopa khansele e dire ditsheka tsheko tsa gore gongwe ba neelwe matlo a le mokawana mo lefelo le le lengwe gona le go a neelwe kwa mafelong a a farologaneng a re seo se ba direla tiro bokete. Matlo a a turney key a agiwa ka dikgaolo tsa bopalamente, kgaolo engwe le engwe e netswe matlo ale lesome le bosupa.
Rre Motswaiso a re bone banetswe boikarabelo ja go aga, fa khansele ele yone e rweleng boikarabelo jotlhe ja ditsamaiso, madi le dituelo.
One are ba abetswe matlo ale 917, mm emo nakong eno ba feditse ale 200 fela lefatshe leno lotlhe, fa a a setseng ale mo diemong tse difarologaneng tsa go wediwa.
Mo go a a setseng ale 86 ga a ise a simolodisiwe ka mabaka a a farologaneng a thekiso ya ditsha le gotimelelwa ke ditsha ga beng.
Oile a supa fa puso e e ntshitse P60 million gore lenaneo leo la turnkey le dirahadiwe le ntswa mo mafelong a mangwe godirisiwa madi a mantsi go aga matlo ao.
Are mongwe le monwe yo o agetsweng ntlo eo o solofelwa go busetse khansele P60 000.00, ka go duela P250,00 ka kgwedi go fitlhelela a madi ao a wela ga a tsennye morokotso.
Oile are ka nako engwe ele ba BHC ba kopana le dikgwetlho tsa go thoka metsi, go fitlhela setsha se sa rengwa, se sa agelelwa gape go sena fa ba bayang dithoto tsa kago teng.
Are seo se kgona go diyang tshimolodiso yak ago ka jalo go nne mogagoga moleele go fetsa ka nako., fa mo nakong tse dingwe baagi le bone ba adima marapo tshwene, mme bao b aba dirang ka natla bakgona gonna le dipoelo k aba kgona go fiwa matlo ale mantsinyana.
Oile a gwetlha beng ba matlo gotsaya boikarabelo fa ba agelwe are kwa phelelong matlo ao ke a bone, ba a a duelela, ka jalo ga batshwanela go leseletsa fela le ba bona moagi a sa age sentle
Ene erile gole pele mothusa mokwaledi wa khansele potlana ya Palapye Rre Koti Molefi a tlhalosa fa ba tshwaretse tiro e mo Moreomabele ka maikaelelo a gotsibosa le go gwetlha banni ba motse o go tsena mo lenaneong le la turnkey ka golemoga fa bale maoto a tshupa.
Rre Molefi are batho b aba ikopetseng lenaneo le ebile ba atlegile mo kgaolong potlana ya Palapye mo metsing ele masome a mabedi le bosupa (27) ba 681, mo go kgonnwe ga a giwa matlo ale 116 fela one are ka ngwaga wa 2013 gone ga abiwa kago ya matlo ale masome a mane le botlhano (45) a neelwe ba BHC, mo go one ale lesome le borataro a setse a fedile ebile a roletswe khansele. Lenaneo la shha ke lenaneo le letswang kgakala dikhansele dintse dile dira pele ga ba tshwaragana le BHC ka 2012.
Lenaneo le lesolegela molemo baagi b aba santseng ba tlhagoga, lefa ba ngongorega gore madi a ba a duelwang a mannye fela thata.
Fe a a mogela ntlo eo Mme Kethalefile Tapologo one a leboga thata gobo le ene ana le bonno, mme a rotowetsa ba babgwe gore a le bone batsenye tklhogo ba tsholetse seriti sa bone. Motse wa Moreomabele ke mongwe wa e e amiwang thata ke dibetso tsa tlholego tsa gowela ka matlo ka nako tsa dipula ka go lebega mmu wa bone osena boleng.
Kgosi Kgopolo Motshwaedi one are batshwaragana le bothata ka nako tsa dipula mme a rotowetsa batho ba Moreomabele go innakanya le lenaneo le are leka asolegela molemo fela thata, le gone go dira gore motse wa bone o lebege ole montle ka dikago tse dibonalang.
Fa atswa la gagwe Modulasetilo wa khansle potlana ya Palapye RRe Lesedi Phuthego one are bonno bofa motho seriti sa setho, a gatelela botlhokwa ja lenaneo le are le mosole fela thata, mo matshelong a Batswana. One are matlo ao aka tlisa dijo mo lapeng fa motho ana le one ka gore aka ferisiwa , segolo jang fa a a agilwe kwa metsing e e trlhabologang jaaka Palapye. ENDS
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Tiro ya go rola matlo
Date : 11 Feb 2015






