Breaking News

Thuto ga-e-golelwe e mosola

10 Feb 2015

Go tlhalosiwa fa banni ba Takatokwane le metse e e mabapi ba sa tsibogele lenaneo la thuto-ga-e-golelwe ntswa bangwe ba santse ba lebanwe ke kgwetlho ya go tlhoka go itse go bala le go kwala.

Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mokhanselara wa kgaolwana eo bosheng, motlhatlhelela dithuto mo lenaneong la thuto-ga-e-golelwe kwa Takatokwane kwa kgaolong potlana ya Letlhakeng, Rre Alfred Tutu a re ba itemogela dipalo tse di kwa tlase thata tsa batho ba ba ikwadisang mo lenaneong le, mme a kaya fa ba tshwentswe ke seemo se.

A re go a tshwenya go bona batho ba le maoto a tshupa go tsibogela dithuto tsa mahala tse ba ka kgonang go itshetsa ka tsone ka e bile lenaneo le tlhabolotswe go nna le dithuto tsa diatla di tshwana le go roka le tsa dikhomputara, a kaya gape fa bontsi bo sa ntse bo sa kgone go ipalela le go kwala.

Rre Tutu a re go tlhoka go itse go bala le go kwala go ka nna le seabe mo go reng setshaba se tlhoke go tsena mo mananeong a puso a a ka ba namolang mo lehumeng, le gone go tsenya letsogo mo ditlhabololong tsa metse ya bone le lefatshe ka kakaretso.

A re thuto e e ka isa mankalenkaleng ka e tlhabolotswe e bile e na le ditlankana fela jaaka dikole tse dingwe mme a supa fa bangwe ba ba neng ba seka ba ipona tsapa ba tsibogela lenaneo le ba kgonne go ipulela dikgwebo di tshwana le go roka e bile mo nakong eno ba itshedisa ka tsone.

A re puso e ne ya neela lekalana la thuto-ga-e-golelwe boikarabelo jwa go tsamaisa dithuto tsa ditiro tsa diatla e le tsela nngwe ya gore Batswana ba itshedise ka diatla tsa bone gore ba seka ba ikaega thata ka puso.

Rre Tutu o ne a gatelela botlhokwa jwa gore Motswana mongwe le mongwe a nne le kitso ya go dirisa dikhomputara, a kaya fa e le mekgwa e e dirisiwang thata mo malatsing a segompieno mo go tsa thuto le tsa ditlhabololo mme a gwetlha morafe go iketleeletsa go inaakanya le thuto-ga-e-golelwe go akola dithuto tseo mahala.

Rre Tutu a re puso e rotloetsa thuto mme, ke ka moo lengwe la maitlamo a tebelopele ya 2016 e leng gore tshaba ya Botswana e bo e rutegile, ka jalo a kgothatsa Batswana go tshela maitlamo ao ka go inaakanya le mananeo a tshwana le la ga-e-golelwe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Shelly Kasefitlhela

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 10 Feb 2015