DailyNews e anamisa mananeo a botlhokwa
10 Feb 2015
Banni ba motse wa Mahalapye ba kopilwe go emisa mokgwa wa go gogorupa pampiri ya dikgang ya DailyNews ka maikaelelo a go e rekisa le go e dirisa mo matlwaneng.
Kgosana wa Flowertown, Rre Keresepe Keitseope, yo o neng a etetse badiri ba lephata la dikitsiso go ngongoregela ka fa batho ba tsayang koranta ya DailyNews ka dipalo tse dintsi ka teng, o tlhalositse fa batho bangwe ba e rekisa fa ba bangwe ba e e dirisa mo matlwaneng a boitiketso le go tshopha motsoko ka yone.
A re o tshwenngwa ke batho ba ba tsayang pampiri mme ba sa ye go e bala.
Kgosi Keitseope o rile le fa go na le batho ba ba thophilweng ke dikgosana tsa Mahalapye go tseela dikgotlana tsa bone, go na le bangwe ba ba rwalang pampiri ya dikgang ka bontsi ka seipato sa gore ba tseela dikgotlana tsa bone ntswa go sa nna jalo fa bangwe ba re ba tseela babereki ba Ipelegeng.
O supile banni bangwe ba kgotlana ya Botalaote ka monwana ba go bolelwang ba gogorupa pampiri ya dikgang ntswa ba sa rongwa ke dikgosi e bile go se na gope kwa ba berekang teng.
Kgosi a re go tsaya koranta ya DailyNews ka dipalo tse dintsi go dira gore e tlhaele banana ba ba sa ntseng ba lwantshana le letlhoko la mebereko.
O kopile badiri ba lephata la dikitsiso ba ba lebaganeng le go aba koranta ya dikgang moso le moso go tlhoafalela go laola batho ba ba tsayang pampiri ya dikgang gore ba seka ba tlhaedisa ba bangwe le maphata a puso.
Dipego le menahune ya go rekisiwa ga pampiri ya dikgang mo Mahalapye jaanong go utlwalelwa e anametse kwa Mmaphashalala gaufi le Mookane.
Ofisi ya lephata la dikitsiso mo Mahalapye e lebagane le go abela dikgotlana tsa Mahalapye di le masome mabedi le botlhano koranta, maphata a puso a le masome mararo le bobedi, dikole tse dikgolwane le tse dipotlana di le masome mabedi go balelwa le tsa ithutelo ditiro tsa diatla, dikhamphani tse di kopanetseng ditiro le puso di le tlhano le dikgwebo tsa di ka feta lekgolo ga mmogo le metse ya Mmutlane, Taupye, Bonwapitse le Mookane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 10 Feb 2015






