Breaking News

Mmino wa polka o fetogile

10 Feb 2015

Kgosi Serai Esterhuizen wa Bokspits mo kgaolong ya Kgalagadi yo gape eleng moletsi wa moopelo wa polka o supile ngongora e kgolo ka tsamaiso ya mmino wa ngwao ya bone wa polka, a re mmino o o fetotswe mme diphetogo tse di  ka ama ditso le ngwao ya morafe wa bone.

Kgosi Esterhuizen o buile se bosheng mo potsolosong le ba tatediso ya dikgang kwa Bokspits.O kaile fa mmino wa polka o sa tlhole o binwa jaaka go ya ka tlholego ya one a supa fa o nale mekgabisa e e feteletseng e e senyang mmino o.

Godimo ga moo, Kgosi o tlhalositse fa go fetola mmino o ka mekgabisa e e sa tlhokafaleng go ka nna le seabe mo go o nyeletseng,mme go beye dikokomane tse di tlang kwa morago ba morafe wa Macoloured ka fa mosing ka ba tla seke ba itse mmino wa borramogolo (forefathers) ba bone.

A re gape se se ka diga boleng jwa ngwao ya Macoloured ka mmino wa polka ele karolo nngwe ya ngwao.Ntleng le tse, Kgosi o tlhalositse fa letshego la Tebelopele ya lefatshe leno la go nna Tshaba e motlotlo ka 2016 le ka se atlege fa go ka tsweledisiwa ka go fetola mmino mo go tlhakatlhakanyang ngwao,a kaya fa morafe wa bone o tla bo o sena ngwao e e tlhomameng (Original).

Kgosi Esterhizen o kaile gape fa a lebogela dikgaisano tsa ga Tauotona ka di file morafe wa bone tshono ya go supa mmino le ngwao ya bone,  le fa go ntse jalo o ledile ka boatlhodi jwa mmino o are ga nke go nna le moatlhodi yo o naleng kitso ka mmino o.

Mmino o o simolotse go tlhagelela ka dikgaisano tsa ga tautona o tla ka morafe wa macoloured,  se ele sesupo sa gore ga o a tlalatlala o itsiwe ke beng ba one,mme se se gakgamamatsang ke gore o atlholwa ke batlhoka kitso ba mmino o.

Godimo ga moo ga go tswewe beng ba mmino go ya go rutuntsha baatlhodi,  ke sone se mmino o fetogang go ediwa ba ba o kgabisang go ipatlela phatla ya go fenya, Esterhuizen said.

O ledile gape ka meletlo ya mmino wa polka e e tshwarelwang kwa metseng e Polka e sa tlholegeng teng a fa sekai ka Polka festival ee tla tshwarelwang kwa Tsabong mafelo a kgwedi eno.

Esterhuizen a re se se ama fela thata ka gore metse e e simolodisitseng mmino o,ga e boelwe ke sepe se se kalo fa ese dimpho,a kaya fa go ne go ka tshwarelwa mo go mengwe ya metse e polka e tumileng teng go ne ka thusa bagwebi,gape go tlise le ditlhabololo.

O ne atlhagisa banana bangwe ba ba ingaolang mo ditlhopeng tsa Polka tsa metse ya bone go ya go tlhoma ditlhopa le batho ba ba senang kitso gotlhelele ka mmino o,a re se se dira gore mmino wa polka o fetoge .

O tlhalositse fa mmino o senyega fa o binwa ke baithuti go nale fa o binwa ke ba ba o binneng go tswa bongwaneng,ka jalo go tlhama ditlhopa tsa mmino wa Polka le batho ba ba sa e itseng ele go rekisa ngwao le go fetola mmino .

Kgosi o gakolotse setlhopa sa polka sa motse wa gagwe se se bidiwa Speel nog go bina mmino wa Polka go ya ka fa tlholegong ba seka ba ela le go batla go gapa madi ka mekgabisa e e senyang mmino,ba itse gore ba somarela ngwao ya bone gore dikokomane tse di tlang kwa morago di e tsweledise. 

O ne gape a rotloetsa ditlhopa tsa polka gore ba ikopaanye ba dire Polka association ka e tla emisa go senngwa ga mmino wa bone gape e tla thibela go nyelela ga ngwao ya bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Johannah Martin

Location : Bokspits

Event : Potsolotso

Date : 10 Feb 2015